Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 MI yana Yesu erile a tsaloa mo Beteleheme oa Yuda, mo malatsiñ a khosi Herode, bonañ, ga tla babotlale ba isete go Yerusaleme,

2 Ba re, O ha kae, ena eo o tsecoeñ Khosi ea Bayuda? gone re bonye naleri ea gague kua iseteñ, mi re tsile go mo obamela.

3 Mi ka khosi Herode a sina utlua yalo, a huruega, le ona Yerusaleme otle o na nae.

4 Mi erile a sina phutha baperiseti ba bagolu le bakuari ba bathu, a ba botsa kua Keresete o tla belegeloañ gona.

5 Mi ba mo raea, Mo Beteleheme oa Yuda; gone go kuariloe yalo ki moperofeti,

6 Mi uena Beteleheme, mo hatsiñ ya Yuda, ga u motlana bogolu mo balaoriñ ba Yuda; gone go tla coa go uena Mogogi eo o tla risañ bathu ba me Bayeserela.

7 Eriha gona Herode o bitsañ babotlale ka go sa itseoeñ, a ba botsisa thata ga motla o naleri e bonetseñ ka ona.

8 Mi a ba romela kua Beteleheme, a re, Eañ le botsise thata ga ñuanyana, mi ereha lo monye, lo ’nkutluise, gore le ’na ki ee ki mo obamele.

9 Mi erile ba sina utlua khosi, ba ea; mi, bonañ, naleri e ba e bonyeñ kua iseteñ e le ea ea ha pele ga bona ga tsamaea ea ema ha gorimo ga helo ha ñuanyana o leñ gona.

10 Mi erile ba bona naleri, ba itumela ka boitumelo yo bogolu.

11 ¶ Mi erile ba tsena mo tluñ, ba bona ñuana a na le mague Marie, ba oa ka lihatlogo tsa bona, ba mo obamela. Eriha gona ba bulañ mahumo a bona, ba mo naea likabelo, gouda, le libano, le mera.

12 Mi ka ba tlagisioa ki Morimo mo toroñ, gore ba si boele go Herode, ba ea ka tsela e sele kua hatsiñ ya bona.

13 Mi ka ba sina go ea, bonañ, moengele oa Morena a iponatsa go Yosefe mo toroñ, a re, Tloga, u eme, itsela ñuana eo, le mague, mi u tsabele kua Egepetoñ, mi u ne gona ki tle ki tsamae ki gu itsise; gone Herode o tla batla ñuana go mo senya.

14 Mi ka a coga yalo, a tsaea ñuana le mague bosigo, mi a ea kua Egepetoñ;

15 Mi a na gona ga tsamaea Herode a shua, gore go rihahale se se builoeñ ki Morena ka moperofeti, a re, Moroake ki miritse mo Egepetoñ.

16 ¶ Mi erile ka Herode a bona a tsiericoe ki babotlale, a galeha bogolu, a roma bañue, a bolaea banyana botle, ba ba le ba le mo Beteleheme, le mo lithokoñ cotle tsa ona; ba ba nyaga li tu, le ba ba ba rularañ, kaha motleñ o o botsisitseñ thata babotlale ka ona.

17 Eriha gona go rihahalañ se se builoeñ ki Yeremie moperofeti, a re,

18 Koru e utluetse mo Rama, go lela, le go lelela, le bohutsana yo bogolu. Rakele a lelela bana ba gague, mi a gana go gomorioa, gone ba sieo.

19 ¶ Mi erile Herode a sina shua, bonañ, moengele oa Morena a iponatsa go Yosefe mo toroñ mo Egepetoñ,

20 A re, Tloga, u eme, tsaea ñuana le mague, mi u ee kua hatsiñ ya Yeserela; gone ba ba le ba batla botselo yoa ñuana, ba shule.

21 Mi a nanoga, a tsaea ñuana le mague, mi a hitla mo hatsiñ ya Yeserela.

22 Mi erile a utlua ha Arekelao a laola mo Yudeñ, mo boemoñ yoa ga rague Herode, a boiha go ea gona, mi ka a gakolocoe ki Morimo mo toroñ, a menogela kua hatsiñ ya Galilea.

23 Mi a ea a aga mo motseñ o o birioañ Nasareta; gore go rihahale se se builoeñ ki baperofeti, O tla birioa Monasarini.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan