Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 9.

1 MI a ba raea, Amarure kia lo raea, Go le bañue ba bona ba ba emeñ ha, ba ba si kitlañ ba utlua loshu, ba tla ba tsamae ba bona pusho ea Morimo e tla ka thata pele.

2 ¶ Mi ka malatsi a sekes a sina heta, Yesu a tsaea Petero, le Yakobo le Yohane, mi a ba isa bosi kua gorimo ga thaba e e gorileñ; mi a hetoga ha pele ga bona.

3 Mi liaparo tsa gague tsa phatsima tsa shueuhala bogolu yaka celañ, yaka go si moshueuhatsi ope mo lehatsiñ eo o ka li shueuhatsañ.

4 Mi ga iponatsa go bona Eliyahue le Moshe, mi ba bo ba bua le Yesu.

5 Mi Petero a araba a raea Yesu, Rabi, go molemo go rona go na ha; a re riheñ metlagana me teri, moñue erihe oa gago, moñue erihe oa ga Moshe, mi o moñue erihe oa ga Eliyahue;

6 Gone a sa itse se o ka se buañ, gone ba boiha segolu.

7 Mi ga tla leru ya ba cutihalela, mi ga coa koru mo leruñ, ea re, Eo, ki Moroake eo o rategañ, mo utlueñ.

8 Mi ka ba leba ka bonako, ba si ka ba tlola ba bona ope ha esi Yesu esi nabo.

9 Mi ka ba hologa mo thabeñ, a ba laolela gore ba si bulelele ope se ba se bonyeñ, go tlo go tsamae Moroa mothu a coge mo bashuiñ.

10 Mi ba itsegeletsa lehuku ye, ba botsanya se cogo mo bashuiñ e se raeañ.

11 Mi ba motsa, ba re, Bakuari ba reelañ, Eliyahue o cuanetse go tla pele?

12 Mi a araba a ba raea, Rure Eliyahue o tla tla pele go ba a emisa lilo cotle; le kaha go kuariloeñ ka gona ga Moroa mothu, ha a tla boga segolu, le go nyarioa.

13 Mi kia lo raea, Eliyahue le ena o tlile, mi ba mo rihetse kaha ba ratañ ka gona, yaka go kuariloe ga gague.

14 ¶ Mi ka a hitla go barutoa, a bona bontsi yo bogolu bo ba hotse, le bakuari ba ganela le bona.

15 Mi ga rihala ka bonako ka bontsi bo mona, yoa gakhamala bogolu, mi yoa mo tabogela, go mo rumerisa.

16 Mi a botsa bakuari, Lo ganelelañ nabo?

17 Mi moñue oa bontsi a araba, a re, Rabi, ki lerile moroake go uena, eo o nañ le moea o o sa bueñ;

18 Mi kua o mo cuarañ gona, oa mo danya ha hatse, a phoke mashulo, mi a huranye meno a gague, mi a lape; mi ki reile barutoa ba gago, gore ba o khoromeletsa ntle, mi ba reteleloa.

19 Mi a araba a ba raea. Au! losika loa go bisa go rumela ki lona, ki tla na le lona go lele go kai? ki tla lo iphapanya go lele go kai? Mo lereñ go ’na.

20 Mi ba mo lere go ena. Mi ka a mona, moea oa mo kuaralatsa ka bonako, mi a oela ha hatse, a birikama, a phoka mashulo.

21 Mi a botsa rague, Lobaka lo kai lo o mo cuereñ ka lona? Mi a re, Mo bonyaneñ yoa gague.

22 Mi o mo rigetse ka gantsi mo moleloñ, le mo metseñ, go mo senya; mi ha u ka riha señue, re utluele botluku, mi u re thuse.

23 Mi Yesu a mo raea, Ha u ka rumela, gone lilo cotle li ka rihala go ena eo o rumelañ.

24 Mi rra ñuana a akoha a bitsa ka likeleri, a re, Kia rumela, Morena; thusa go bisa go rumela ga me.

25 Mi ka Yesu a bona bontsi bo taboga, bo ea seopa señue, a buela moea o mashue, a o raea, Moea o o sa bueñ, o o sa utlueñ ki uena, kia gu laola, coa go ena, mi u si tlole u tsena go ena.

26 Mi ka o bitsa, oa mo kuaralatsa segolu, oa coa; mi ñuana a na yaka moshui, ga tsamaea bantsi ba re, O shule.

27 Mi Yesu a mo cuara ka seatla, a mo emisa, mi a ema.

28 Mi ka a sina tsena mo tluñ, barutoa ba gague ba motsa bosi, Ana re le re sa o khoromeletseñ ntle?

29 Mi a ba raea, Losika lo, ga lo coe ka gope, ha e si ka thapelo, le go bisa go ya.

30 ¶ Mi ka ba coa gona, ba ea, ba ralala Galilea; mi a sa rate ope go itse ga gague.

31 Gone a ruta barutoa ba gague, a ba raea, Moroa mothu o necoe mo atleñ tsa bathu, mi ba tla molaea, mi a sina bolaoa, o tla coga ka tsatsi ya bo teri.

32 Mi ba si ka ba tlaloganya se o se ba raeañ, mi ba boiha go motsa.

33 ¶ Mi a hitla mo Kaperenama, mi ka a le mo tluñ, a ba botsa, Lo no lo ganelelañ mo tseleñ?

34 Mi ba ririmala, gone ba le ba ganela mo tseleñ, eo o tla nañ mogolu.

35 Mi ka a lula a bitsa ba tuelev, mi a ba raea, Ha moñue a rata a na oa ntla, eo, o tla na morago ga botle le motlañka oa botle.

36 Mi a cula ñuana, a maea gare ga bona, mi ka a sina mo cula mo mabogoñ a gague, a ba raea,

37 Leha e le mañmañ eo o tla culañ ñuana eo o ntseñ yana mo ineñ ya me, oa ’ncula; mi leha e le mañmañ eo o tla ’nculañ, ga ’ncule, oa cula eo o ’nthomileñ.

38 ¶ Eriha gona Yohane o mo arabañ, a re, Rabi, re bonye moñue a khoromeletsa ntle bademona mo ineñ ya gago, eo o sa re saleñ morago, mi ra mo itsa, gone a sa re sale morago.

39 Mi Yesu, a re, Lo si mo itse, gone ena eo o tla rihañ tiho ea khakhamaco mo ineñ ya me, ga a kitla a bua mashue hela ga me.

40 Gone eo o sa emalaneñ le lona, o na le lona.

41 Gone leha e le mañmañ eo o tla lo naeañ senoelo sa metse mo ineñ ya me go noa, gone lo ba ga Keresete; amarure kia lo raea, ga a kitla a latlegeloa ki tuelo ea gague.

42 Mi leha e le mañmañ eo o tla khopisañ moñue oa ba botlana ba, ba ba rumelañ mo go ’na, go kabo gole molemo go ena ha tlapa ya tsilo le le golegecoe mo thamuñ ea gague, mi a rigecoe mo leoatleñ.

43 Mi ha seatla sa gago se gu khopisa, u se khaole, gone go molemo go uena go tsena mo botseloñ ka bokooa, bogolu go tsena ka liatla li tu mo moleteñ oa molelo, mo moleloñ o o sa tiñoeñ;

44 Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.

45 Mi ha lonao loa gago lo gu khopisa, u lo khaole, gone e le molemo go uena go tsena ka go tlotsa mo botseloñ, bogolu go rigeloa ka linao li tu mo moleteñ oa molelo, mo moleloñ o o sa tiñoeñ.

46 Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.

47 Mi ha leitlo ya gago le gu khopisa, u le gonye, gone e le molemo go uena go tsena u le moitlo mo bogosiñ yoa Morimo, bogolu go rigeloa ka maitlo ma tu mo moleteñ oa molelo;

48 Kua seboku sa bona se sa shueñ, le molelo o o sa tiñoeñ.

49 Gone moñue le moñue o tla lokoa ka molelo, le cupelo ñue le ñue e tla lokoa ka lecoai.

50 Lecoai le molemo, mi ha lecoai le sina molori, lo tla le loka kañ? Lo ne le lecoai mo go lona, mi lo agisanye.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan