Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 6.

1 MI o la a coa gona, a hitla mo hatsiñ ya gague, mi barutoa ba gague ba mo sala morago.

2 Mi ka go na Sabata, a simolola go ruta mo senagogeñ, mi bontsi yo bo mo utluañ yoa gakhamala, yoa re, Monona eo, o cutse lilo tse kae? mi botlale yo o bo necoeñ, ki bohe, ka litiho tsa khakhamaco tse lintseñ yalo li rihoa ki atla tsa gague?

3 Eo, a ga si mobetli oa likhoñ, moroa Marie, mogolu oa Yakobo, le Yose, le Yuda, le Simone? Mi a bokhantsarie a ga ba hanu le rona? mi ba ikhopa ka ntla ea gague.

4 Mi Yesu a ba raea, Moperofeti ga a tloke go tlotlega, ha e si mo hatsiñ ya gague, le mo tsaleñ tsa gague, le mo tluñ ea gague.

5 Mi a sa kake a riha tiho ea khakhamaco gona, ha e si go baea liatla tsa gague mo baboboriñ ba botlana, mi a ba horisa.

6 Mi a gakhamala ka ntla ea go bisa go rumela ga bona; mi a tlatlologanya metsana, a ruta.

7 ¶ Mi a biletsa go ena ba tuelev, mi a simolola go ba roma, ka botu le botu, mi a ba naea thata mo meoeñ e mashue;

8 Mi a ba laolela, gore ba si tsele tsela sepe ha e si tsama eosi; esiñ khuatla, le esiñ señkhue, le esiñ sereko mo moitlamoñ.

9 A ba roale litlaku, mi ba si apare kobo li tu.

10 Mi a ba raea, Kua lo tla tsenañ mo tluñ gona, tlolañ gona lo tsamae lo coe gona.

11 Mi leha e le mañmañ eo o sa lo culeñ, le go lo utlua, ere lo coa gona, ikurubatseñ lorole kua tlatse ga nao tsa lona, go na seshupo go bona. Amarure kia lo raea, Go tla iphapañoa Sodoma, khotsa Gomora mo tsatsiñ ya tsekisho, bogolu go motse ouo.

12 Mi ba coa, mi ba rera gore ba tlabologe.

13 Mi ba khoromeletsa ntle bademona bantsi, mi ba tlotsa babobori bantsi ka loukuane, mi ba ba horisa.

14 Mi khosi Herode a utlua yalo, (gone leina ya gague le bonatsegile,) mi a re, Yohane mobapetisi o cogile mo bashuiñ, ki gona tiho tsa khakhamaco li rihañ mo go ena.

15 Bañue ba re, Ki Eliyahue, mi ba bañue ba re, Ki moperofeti, khotsa yaka moñue oa baperofeti.

16 Mi ka Herode a utlua, a re, Eo ki Yohane, eo ki mo khaotseñ tlogo; o cogile mo bashuiñ.

17 Gone Herode eo, a la a kile a roma bañue go cuara Yohane, a mo golega mo tluñ ea kholegelo, ka ntla ea ga Herodie, mogatsa monnaue Filipo, gone a la a mo nyetse.

18 Gone Yohane o la a raea Herode, Ga si taolo go uena go na le mogatsa monnau.

19 Ki gona Herodie o la a na bogale le ena, mi a rata go molaea, mi a sa kake a riha yalo,

20 Gone Herode a boiha Yohane; ka a itse ha a la a le monona oa tsiamo, le boitsepho; mi a mo tsatsia, mi a sina mo utlua, a riha lilo rintsi, mi a mo utlua ka boitumelo.

21 Mi ka go na tsatsi ya lobaka, Herode a rihela bagoluane ba gague, le bagolu ba bathousanda, le bagolu bogolu ba Galilea moriho, ka tsatsi ya botsalo yoa gague.

22 Mi ka moroaria Herodie eo, a tsena, a bina, mi a khatla Herode, le ba ba rutseñ nae; mi khosi ea raea moroetsana, ’Ntopa se u se ratañ, mi ki tla se gu naea.

23 Mi ea mo ikanela ea re, Leha seo señue se u tla se ’ntopañ, ki tla se gu naea, le go ntleñ ñue ea bogosi yoa me.

24 Mi ka a coa a raea mague, Ki tla lopañ? Mi a re, Tlogo ea ga Yohane Mobapetisi.

25 Mi a akoha a tsena ka bonako kua khosiñ, a lopa, a re, Kia rata gore u ’nnee tlogo ea ga Yohane Mobapetisi yana yana mo mogocaneñ.

26 Mi khosi ea hutsahala bogolu; leha gontse yalo, e le e sa mo ganele ka ntla ea maikano, le ka ntla ea bona ba ba rutseñ naeo.

27 Mi khosi ea akoha ea roma moñue oa batlabani, ea laola gore tlogo ea gague e lerioe. Mi a ea a mo khaola tlogo mo tluñ ea kholegelo,

28 Mi a lere tlogo ea gague ka mogocana, mi a e naea moroetsana, mi moroetsana a e naea mague.

29 Mi ka barutoa ba gague ba utlua mouo, ba ea ba cula setoto sa gague, mi ba se latsa mo lecueñ.

30 Mi baaposotoloi ba phuthegela mogo go Yesu ba mulelela cotle tse ba ri rihileñ, le tse ba li rutileñ.

31 Mi a ba raea, Tlañ kua gareganaga losi, mi ikhutseñ go nyenye; gone bontsi bo le yoa tla, yoa ea; mi ba le ba sina lobaka, le loa go ya.

32 Mi ba hurugela gareganaga bosi ka shepa.

33 Mi bontsintsi yoa ba bona ba ea, mi a itsioe ki bontsi; mi yoa mo culogela mogo, yoa coa mo metseñ eotle ka linao, mi yoa hitlelana pele a e si a tle, mi yoa ea mogo go ena.

34 Mi ka Yesu a coa a bona bontsi yo bogolu, mi a bo utluela botluku, gone bo le bontse yaka liñku tse ri sinañ morisa; mi a simolola go bo ruta lilo lintsi.

35 Mi ka tsatsi le ñotlega barutoa ba gague ba tla go ena, mi ba re, Helo ha, go gareganaga, mi tsatsi le hetile:

36 Bo phatlalatse, gore bo ee mo masimoñ, le mo metsaneñ, gore bo ithekele liñkhue, gone ga bo na se bo ka se yañ.

37 Mi a araba, a ba raea, Bo neeñ go ya. Mi ba mo raea, A re tla ea go reka liñkhue li ka na ka lidenari li tu hundereda, le go bo naea go ya?

38 Mi a ba raea, Lo na le liñkhue li kai? Eañ lo bone. Mi ka ba sina li itse, ba re, Li faev, le tlapi li tu.

39 Mi a ba laolela gore ba bo lurise yotle mo boyañeñ yo botalana, ka mashoñuana.

40 Mi yoa lula ka khaogano tsa hundereda, le tsa faevte.

41 Mi ka a sina cula liñkhue li faeve, le tlapi li tu, a lelalela legorimo, a tsegohatsa, mi a roba liñkhue, a li nela barutoa ba gague, gore ba li bee ha pele ga yona; le litlapi li tu, a li bo abela yotle.

42 Mi yotle yoa ya, yoa khora.

43 Mi ba culetsa lirotu li tuelev li tletse matlotlora, le ga litlapi.

44 Mi ba ba yeleñ liñkhue, e kane e le banona ba faev thousanda.

45 Mi a kholela barutoa ba gague mo shepeñ ka bonako, go mo etelela pele kua boseyeñ, kua Betesaida, ka a sa phatlalatsa bontsi.

46 Mi ka a sina khaogana nayo, a ea kua thabeñ go rapela.

47 Mi ka go na mabanyane, shepa sa bo se le gare ga leoatle, mi a ba a le esi mo lehatsiñ.

48 Mi a ba bona ba lapisioa thata go coeleletsa shepa, gone pheho ea tlabaganya nabo; mi ka e kane e le tisho ea bo‐for ea bosigo, a tla go bona a tsamaea mo leoatleñ; mi a rata go ba heta:

49 Mi ka ba mona a tsamaea mo leoatleñ, ba itloma e le serimo, mi ba bitsa segolu:

50 Gone ba mona botle, mi ba boiha segolu. Mi a akoha a bua le bona, mi a ba raea, Lo namatsege, ki ’na, si boiheñ.

51 Mi a tlatlogela go bona mo shepeñ, mi pheho ea robala; mi ba ikhakhamalela segolu, mi ba gakhamala.

52 Gone ba si ka ba tlaloganya ga liñkhue, gone pelu tsa bona li li thataharicoe.

53 Mi ka ba sina tsela, ba hitla mo hatsiñ ya Genesareta, mi ba hitla ha moshaueñ oa leoatle.

54 Mi ka ba coa mo shepeñ, ba mo itse ka bonako.

55 Mi ba simolola mo lithokoñ cotle go belega babobori ka lialoana, ba ba rikolosetsa kua ba mo utluañ a le gona.

56 Mi metsana, le metse, le masimo, kua o tsenañ gona, ba baea babobori mo mebileñ ea thekelo, ba mo rapela, gore ba ame leha e le peleri ea kobo ea gague, mi botle ba ba mo amañ ba horisioa.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan