Mareko 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 MI ka malatsi mañue a sina heta, a tsena mo Kaperenama, mi ga utluioa ha a le mo tluñ. 2 Mi bontsi yoa phuthegela ka bonako gona, ga tsamaea ba tloka bonno ha moyakoñ mi a ba rerela lehuku. 3 Mi ga tla bañue go ena, ba lere monona oa teteselo, a belegoe ki bathu ba le ba for. 4 Mi ka ba reteleloa ki go mo atametsa ka ntla ea bontsi, ba rutla litlomesho ha o gona, mi ka ba sina phunya, ba mo lepeletsa ka sealo se monona oa teteselo o letseñ go shona. 5 Mi ka Yesu a bona tumelo ea bona, a raea oa teteselo, Moroaka, libe tsa gago u li icuarecoe. 6 Mi bañue ba bakuari ba rutse gona, ba gakologeloa mo peruñ tsa bona, 7 Monona eo o buelañ likhalo? Mañ eo o ka icuarelañ libe ha e si Morimo osi? 8 Mi Yesu ka a lemoga ka bonako mo moeeñ oa gague, ha ba gakololanye yalo mo go bona, a ba raea, Lo gopoletseñ lilo tse mo peruñ tsa lona? 9 Boheho ki bohe, go raea oa teteselo, Libe u li icuarecoe, leha go ka tua, Tloga u eme, cula sealo sa gago, u tsamae? 10 Mi gore lo itse ha Moroa mothu a na le thata mo lehatsiñ go icuarela libe, (a raea monona oa teteselo,) 11 Kia gu raea, Tloga u eme, cula sealo sa gago, u ee kua tluñ ea gago. 12 Mi a ema ka bonako, mi ka a cula sealo, a coa ha pele ga bona botle, ga tla ga tsamaea ba gakhamala botle, mi ba galaletsa Morimo, ba re, Ga re e si re bone mo gontseñ yana. 13 Mi a ba a coa, a ea ha leoatleñ, mi bontsi yotle yoa ea go ena, mi a bo ruta. 14 Mi ka a heta a bona Levi, moroa Alefaio a rutse mo tluñ ea khethelo, mi a mo raea, ’Ntsala morago. Mi a ema a mo sala morago. 15 Mi ga rihala, ka Yesu a rutse ha liyoñ mo tluñ ea monona eo, bontsi yoa baphuthi ba lekhetho le baleohi le bona ba lula le Yesu le barutoa ba gague; gone ba le ba le bantsi, mi ba mo sala morago. 16 Mi ka bakuari le Bafarisai ba bona a ya le baphuthi ba lekhetho, le baleohi, ba raea barutoa ba gague, Gontse yañ, ka a ya, a noa le baphuthi ba lekhetho le baleohi? 17 Mi ka Yesu a utlua mouo, a ba raea, Ba ba horileñ ga ba rihe ñaka sepe, ha esi babobori. Ga kia tlela go biletsa basiami tlabologoñ, e le baleohi. 18 Mi barutoa ba ga Yohane le ba Bafarisai, ba riha go bisa go ya, mi ba tla, ba mo raea, Barutoa ba ga Yohane le ba Bafarasai, ba rihelañ go bisa go ya, mi barutoa ba gago ga ba rihe go bisa go ya? 19 Mi Yesu a ba raea, Bana ba ntlu ea monyaroi, a ba ka riha go bisa go ya ka monyari a sa na nabo? Ha monyari a sa na nabo ga ba kake ba riha go bisa go ya. 20 Mi metla e tla tla, e monyari o tla tlosioañ go bona ka eona, eriha gona ba tla rihañ go bisa go ya mo metleñ euo. 21 Ga go ope eo o bitielañ seaparo se se onetseñ ka sebata se sesha; gone sebata se sesha se tla gagola se se onetseñ, mi kagogo ea keketsega. 22 Mi ga go ope eo o tselañ boyaloa yo bosha mo makukeñ a a onetseñ; gone boyaloa yo bosha bo tla phanya makuka, mi boyoloa bo culoge, mi makuka a senyege; mi boyaloa yo bosha bo cuanetse go tseloa mo makukeñ a masha. 23 Mi ga rihala ka a ralala mo masimoñ a mabele ka tsatsi ya Sabata, barutoa ba gague ba simolola go roba liako tsa mabele. 24 Mi Bafarisai ba mo raea, Bona, ba rihelañ ka tsatsi ya Sabata se se sa laoloañ? 25 Mi a ba raea. A ga lo e si lo buise se Davide o se rihileñ, ka a tloka, mi a utlua tlala, le bona ba ba le ba na‐nae? 26 Kaha o la a tsena mo tluñ ea Morimo ka gona, mo motleñ oa ga Abiatare, moperiseti eo mogolu, mi a ya linkhue tsa cupo tse ri sa laoleloañ go yeoa, ha e si ki baperiseti bosi, mi a naea le bona ba ba le ba na nae? 27 Mi a ba raea, Sabata o rihecoe bathu, mi bathu ga ba riheloa Sabata; 28 Yalo, Moroa mothu ki Morena le oa Sabata. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society