Mareko 14 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 14. 1 MI morago ga malatsi a tu e le le moriho oa Tlolaganyo, le oa señkhue se se sa berisioañ; mi baperiseti ba bagolu, le bakuari ba batla kaha ba ka mo cuarañ go molaea ka gona ka koko. 2 Mi ba re, Esiñ mo morihoñ, gore e si re khotsa ga na tlapeo mo bathuñ. 3 ¶ Mi ka a le mo Betania, mo tluñ ea ga Simone moleperoi, ka a rutse ha lomatiñ, ga tla mosari a na le segoana sa alebasetara, sa setlolo sa narido se se sa pekoañ, se se thata go rekoa; mi ka a sina thuba segoana sa alebasetara, a se tsela mo tlogoñ ea gague. 4 Mi gabo gole bañue mo go bona ba ba gakatsegileñ ba re, Tsenyo ea setlolo se, ki eañ? 5 Gone se kabo se baparicoe ka bogolu go denari li teri hundereda, mi li kabo li neiloe bahumanegi; mi ba mo ñoñoregela. 6 Mi Yesu, a re, Mo leseñ, lo mo cuenyetsañ? o ’ntihetse tiho e e molemo. 7 Gone lo na le bahumanegi mo go lona ka gale, mi lo ka ba rihela molemo ka motla o lo ratañ go ba rihela ka ona; mi ’na, ga lo na le ’na ka gale. 8 O rihile kaha o ka rihañ ka gona; o tlile pele go tloletsa phitlo mele oa me. 9 Amarure kia lo raea, Kua evangelio e, e tla reroañ gona mo hatsiñ yeotle, le gona go tla buleloa gona se mosari eo, o se rihileñ, go mo gopola ka shona. 10 ¶ Mi Yuda Isekariota, moñue oa batuelev, a ea go baperiseti ba bagolu, gore a mo ba okele. 11 Mi ka ba utlua yalo, ba itumela, mi ba mo raea, ba tla mo naea lireko. Mi a batla go mo oka, ka lobaka lo o ka mo okañ ka lona. 12 ¶ Mi ka tsatsi ya ntla ya señkhue se se sa berisioañ ka Tlolaganyo e tlayoa, barutoa ba gague ba mo raea, U rata ra ea kae go etleletsa, gore u ye Tlolaganyo? 13 Mi a roma ba tu ba barutoa ba gague, a ba raea, Eañ mo motseñ, mi monona o tla lo khatlantsa, a roele nkho ea metse; mo saleñ morago; 14 Mi kua o tla tsenañ gona, raeañ muñ oa ntlu, Moruti a re, Ntlu ea go yela e kae, kua ki tla yelañ Tlolaganyo gona le barutoa ba me? 15 Mi o tla lo bontsa ntlu e e kholu ea gorimo, e e bakancoeñ; re bakanyeletseñ gona. 16 Mi barutoa ba gague ba coa, mi ba ea mo motseñ, mi ba bona yaka a ba kaetse; mi ba bakanya Tlolaganyo. 17 Mi eare ka go na mabanyane, a tla le ba tuelev. 18 Mi ka ba rutse, ba ya, Yesu a re, Amarure kia lo raea, Moñue oa lona, eo o yañ le ’na, o tla ’nkoka. 19 Eriha gona ba simololañ go hutsahala, le go mo raea, moñue le moñue, a re, A ki ’na? le eo moñue, a re, A ki ’na? 20 Mi a araba a ba raea, E le moñue oa ba tuelev, eo o inañ le ’na mo mogocaneñ. 21 Moroa mothu o ea rure yaka go kuariloe ga gague; mi go latlega mothu eo Moroa mothu o okoañ ki ena; go kabo gole molemo ha mothu eo, a la a si ka a tsaloa. 22 ¶ Mi ka ba sa ya, Yesu a cula señkhue; mi ka a sina se tsegohatsa, a se roba, a sa ba naea, a re, Culañ, lo ye; se, ki mele oa me. 23 Mi a cula senoelo, mi ka a sina itumelela, a se ba naea; mi ba noa botle ga shona. 24 Mi a ba raea, Se, ki mari a me, ki mari a kholagano e nca a a cologetseñ bontsi. 25 Amarure kia lo raea, ga ’nkitla ki tlola ki noa ga louñuo loa tlare sa movine go tsatsiñ ye, ki tla lo noañ lo losha mo bogosiñ yoa Morimo. 26 ¶ Mi ka ba sina opela sehela, ba coela kua thabeñ ea Oleva. 27 Mi Yesu a ba raea, Lo tla khocoa lotle ka ntla ea me sigoñ yonu, gone go kuariloe, Ki tla betsa Morisa, mi liñku li tla halarioa. 28 Mi ki tlare ki sina coga, ki tla lo etelela pele kua Galilea. 29 Eriha gona Petero o mo raeañ, Leha ba ko ba khocoa botle, ga ’nkitla ki khocoa. 30 Mi Yesu a mo raea, Amarure kia gu raea, U tla ’ntatola ga teri, koku e tona e si e lele ga tu, sigoñ yo yoa gompienu. 31 Mi a hela a sa coelela go bua, a re, Leha ’nko ki shua nau, amarure ga ’nkitla ki gu latola ka gope. Mi botle ba bua yalo. 32 Mi ba tla mo heloñ go birioañ Getsemane; mi a raea barutoa ba gague, Lulañ ha, ki tle ki tsamae ki rapele. 33 Mi a tsaea Petero, le Yakobo, le Yohane nae, mi a simolola go boiha segolu le go tlaleloa; 34 Mi a ba raea, Moea oa me o hutsahetse segolu ka bohutsana yoa loshu; salañ ha, mi lo rise. 35 Mi a coelela pele go nyenye, a oela ha hatse, mi a rapela, gore ha go le go kana yalo, oura o o mo hete. 36 Mi a re, Aba, Rra, lilo cotle li ka rihala go uena; tlosa senoelo se ha go ’na; mi esiñ go rata ga me, a e ne thato ea gago. 37 Mi a tla a ba hitlela ba robetse, mi a raea Petero, Simona, a u robetse? A ga u kake ua risa ka oura moñue hela? 38 Risañ lo rapele, gore lo si tsene mo thaeloñ; amarure moea o bonako, mi nama e lapile. 39 Mi a ba a ea a rapela, a bua mahuku auo ka aosi. 40 Mi ka a boea a ba hitlela ba bile ba robetse, gone maitlo a bona a heñoa ki boroko; mi ba sa itse kaha ba tla mo arabañ ka gona. 41 Mi a tla ka loa bo‐teri, a ba raea, Robalañ yana, mi lo ikhutse; go lekanye, oura o tlile; bonañ, Moroa mothu o okecoe mo atleñ tsa baleohi. 42 Emañ, a re eeñ; bonañ, eo o ’nkokañ o atametse. 43 ¶ Mi ka a sa bua, ga tla Yuda ka bonako, eo e le le moñue oa ba tuelev, mi a na le bontsi yo bogolu, bo na le licaka, le melamu, bo coa mo baperisetiñ ba bagolu, le bakuari, le bagolu. 44 Mi yana, eo o mo okileñ a ba neile seshupo, a re, Eo ki tla mo atlañ, ki ena; mo cuareñ, le go mo isa ka tlomamo. 45 Mi ka a sina tla, a ea ka bonako go ena, a re, Rabi, Rabi; mi a mo atla. 46 ¶ Mi ba mo latsa atla tsa bona, mi ba mo cuara. 47 Mi moñue oa ba ba emeñ gona, a shomola caka, mi a rema motlañka oa moperiseti eo mogolu, mi a mo khaola tsebe. 48 Mi Yesu a araba, a ba raea, A lo rule ka licaka le melamu go ’ncuara yaka ki senokuane? 49 Ki le ki na le lona mo tempeleñ, ki ruta, ka malatsi aotle, mi ga loa ka loa ’ncuara: mi likualo li cuanetse go rihala. 50 Mi ba mo tlogela botle, mi ba tsaba. 51 Mi lekau leñue ya mo sala morago, le apere seaparo sa lene mo meleñ o o sa ikategañ, mi makau a le cuara. 52 Mi ya tlogela seaparo sa lene, ya ba tsaba le sa ikatega. 53 ¶ Mi ba gogela Yesu kua moperisetiñ eo mogolu, kua baperiseti ba bagolu, le bagolu, le bakuari, ba phuthegetseñ gona. 54 Mi Petero a mo latela a le khakala, go ea kua tluñ ea moperiseti eo mogolu, mi a lula gona le batlañka, a ikomosa ha moleloñ. 55 Mi yana baperiseti ba bagolu, le botle ba khakololo ba batla cupo kaga Yesu, go molaea; mi ba si ka ba e bona. 56 Gone bontsi bo le yoa shupa ka kako kaga gague, mi cupo tsa bona tsa bo li sa cuane. 57 Mi bañue ba ema ba shupa ka kako kaga gague, ba re, 58 Re mo utluile, a re, Ki tla rutla tempela e, e e rihiloeñ ka liatla, mi ki tla aga e ñue, esiñ ka liatla, ka malatsi a teri. 59 Mi le tseuo cupo tsa bona tsa bo li sa cuane. 60 Mi moperiseti eo mogolu a tloga a ema ha gare, mi a botsa Yesu, a re, A ga u arabe sepe? Eñ se ba se shupañ kaga gago? 61 Mi a ririmala, mi a si ka a araba sepe. Mi moperiseti eo mogolu a ba a motsa, mi a mo raea, A ki uena Keresete Moroa Motsegoharioi? 62 Yesu a araba, Ki ’na; mi lo tla bona Moroa mothu a rutse ha atleñ se se siameñ sa Mothatietle, a tla ka maru a legorimo. 63 Eriha gona moperiseti eo mogolu o gagolañ liaparo tsa gague, a re, Re sa rihañ bashupi? 64 Lo utluile khalo e: lo gopolañ? Mi botle ba mo sekisetsa molatuñ oa loshu. 65 Mi bañue ba simolola go mo khuela mathe, le go bipa hatlogo sa gague, le go mo tlanya ka macuele, le go mo raea, Shoaba shoaba e mañ. Mi batlañka ba mo haphola. 66 Mi ka Petero a le mo loapeñ lo lo kua tlatse, ga tla moñue oa bahula ba moperiseti eo mogolu; 67 Mi ka a bona Petero a ikomosa, a mo leba, mi a re, Le uena u lu u na le Yesu Monasarini. 68 Mi a latola, a re, Ga ki itse, le gona ga ki tlaloganye se u se buañ. Mi a coela kua khoroñ, mi koku e tona ea lela. 69 Mi mohula ka a ba a mona a simolola go raea ba ba emeñ gona, Eo ki moñue oa bona. 70 Mi a ba a latola. Mi khantele, ba ba emeñ gona ba ba ba raea Petero, Amarure u moñue oa bona, gone le uena u Mogalilea, gone puo ea gago entse yalo. 71 Mi a simolola go roga le go ikana, a re, Ga ki itse monona eo lo buañ ga gague. 72 Mi koku e tona ea lela loa bo‐tu; mi Petero a gakologeloa lehuku ye Yesu o la a le mo reile, U tla ’ntatola ga teri koku e tona e si e lele ga tu. Mi ka a gakologeloa mouo, a lela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society