Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Malakie 4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 4.

1 GONE bonañ, motla o etla, o tla tuka yaka ntlu ea peseco; mi ba bokaka botle, le botle ba ba ikepañ, ba tla na lirine: mi motla o o tlañ o tla ba cuba, go bua Yehova oa lintua, mi o si kitla o ba tlogelela mocoe khotsa kala.

2 ¶ Mi kaga lona ba lo boihañ leina ya me, Letsatsi ya tsiamo le tla lo tlabela, mi phorisho e tla na mo phukeñ tsa yeona; mi lo tla coa, lo gola yaka namane tse ri nonneñ.

3 Mi lo tla gataka baikepi; gone ba tla na molora tlatse ga lipato tsa nao tsa lona, mo motleñ o ki tla o rihañ, go bua Yehova oa lintua.

4 Gakologeloañ molao oa ga Moshe motlañka oa me, o ki le ka mo laolela kua Horeba, kaga Bayeserela botle, eboñ litaeo le litsiamisho.

5 ¶ Bonañ, ki tla lo romela Eliyahue moperofeti, pele motla oa ga Yehova o mogolu o o boitsegañ o e si o tle:

6 Mi o tla bosetsa pelu tsa bo‐rra go bana, le lipelu tsa bana go bo‐rabo, gore e si re khotsa ka tla ka khemetha lehatse ka thogo.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan