Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 20 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 20.

1 MI ga rihala, ka tsatsi leñue ya malatsi auo, ka a ruta bathu mo tempeleñ, a rera evangelio, baperiseti ba bagolu, le bakuari, le bagolu ba tla go ena;

2 Mi ba bua nae, ba re, Re bulelele thata e u rihañ lilo tse ka eona? Khotsa mañ eo o gu neileñ thata e?

3 Mi a araba, a ba raea, Le ’na, ki tla lo botsa huku leñue; lo ’nkarabe:

4 Papetisho ea ga Yohane a e le ea coa kua legorimoñ, khotsa mo bathuñ?

5 Mi ba gakololana mo go bona, ba re, Etlare ha re re, E coa kua legorimoñ, o tla re, Ana lo lo sa mo rumeleleñ?

6 Mi etlare ha re re, E coa mo bathuñ; bathu botle ba tla re khobotletsa ka maye: gone ba itse rure ha Yohane e le le moperofeti.

7 Mi ba araba, ba re, Ga re itse kua e coañ gona.

8 Mi Yesu a ba raea, Le ’na ga ki lo bulelele thata e ki rihañ lilo tse ka eona.

9 Mi a simolola go bua secuanco se le bathu: Monona moñue a tloma tsimo ea movine, a e laleletsa barihi‐tsimo, mi a etela kua hatsiñ le sele ka motla o mo lele.

10 Mi a roma motlañka go barihimo motleñ oa louñuo, gore ba mo nee louñuo loa tsimo ea movine; mi barihi‐tsimo ba metsa, ba mosa a sina sepe.

11 Mi a ba a roma motlañka eo moñue; mi le ena ba metsa, mi ba mo riha botlabisa litloñ, mi ba mosa a sina sepe.

12 Mi a ba a roma oa bo‐teri; mi le ena ba mo kuenesetsa, mi ba mo khoromeletsa kua ntle.

13 Mi morena oa tsimo ea movine a re, Ki tla rihañ? Ki tla roma moroake, eo ki mo ratañ; etlare khotsa ba moihe ba mona.

14 Mi ka barihi tsimo ba mona ba gakololana mogo, ba re, Eo ki ena oa boshua; tlañ, re molaeeñ, gore boshua e rihe yoa rona.

15 Mi ka ba sina mo khoromeletsa ntle ga tsimo ea movine, ba molaea. Mi yalo morena oa tsimo ea movine o tla ba rihelañ?

16 O tla tla, mi a senya barihi‐tsimo ba, mi o tla nela tsimo ea movine ba sele. Mi ka ba utlua yalo, ba re, A go si ne yalo.

17 Mi a ba leba, a re, Mi eñ se, se se kuariloeñ, Leincue ye baagi ba le latlileñ, ki yeona ka yeosi le rihegile motheo oa khokhoco?

18 Mi leha e le mañmañ eo o oelañ mo incueñ ye, o tla papetlega; mi eo, le mo oelañ, le tla mo phatlakana.

19 ¶ Mi baperiseti ba bagolu le bakuari ba batla go mela liatla mo oureñ ouo; mi ba boiha bathu; gone ba lemoga ha a bua secuanco se kaga bona.

20 Mi ba mo lepa, mi ba roma batlori ba ba ipaeañ tsiamo, gore ba mo cuare mo thutoñ ea gague, go mo nela mo thateñ le mo taoloñ ea molaori oa motse.

21 Mi ba motsa, ba re, Rabi, rea itse ha u bua mi u ruta ka tsiamo, mi ga u cule cuano ea ope, mi ua ruta tsela ea Morimo mo amarureñ.

22 A ki taolo go rona go naea Kaisare lekhetho, khotsa nya?

23 Mi ka a lemoga tsieco ea bona, a ba raea, Lo ’nthaelelañ?

24 ’Ncupetsañ denari. Secuanco le lokualo loa ga mañ lo mo go eona? Mi ba araba ba re, Loa ga Kaisare.

25 Mi a ba raea, Ki gona naeañ Kaisare lilo tse e leñ tsa ga Kaisare, mi lo nee Morimo lilo tse e leñ tsa Morimo.

26 Mi ba reteleloa ki go mo cuara mo hukuñ ya gague ha pele ga bathu; mi ba gakhamarioa ki karabo ea gague, mi ba ririmala.

27 ¶ Mi ga tla go ena bañue ba Basadukai ba ba latolañ cogo ea bashui; mi ba motsa,

28 Ba re, Rabi, Moshe o la a re kualela, a re, Ha moñue mogoluue a shua, a na le mosari, mi ha a shua a sina bana, monnaue a tla cula mosari oa gague, go cosetsa mogoluue losika.

29 Mi gabo gole bomoroa mothu ba seven; mi oa ntla a nyala mosari, mi a shua a sina bana.

30 Mi oa bo‐tu a nyala mosari eo, mi le ena a shua a sina bana.

31 Mi oa bo‐teri a mo cula, le ba seven, ga na hela yalo; mi ba shua hela, ba sa tlogele ñuana ope.

32 Mi mosari le ena a shua bohelo yoa bona botle.

33 Ki gona mo cogoñ ea bashui, o tla na mosari oa ga mañ mo go bona? gone ba seven ba le ba mo nyetse botle.

34 Mi Yesu a araba, a ba raea, Bana ba lehatse yenu ba nyala, mi ba neoa mo nyaloñ.

35 Mi ba ba tla kaioañ ba cuanetse go bona hatse ye leñue, le cogo mo bashuiñ, ga ba kitla ba nyala, mi ga ba neoe mo nyaloñ.

36 Le gona ga ba kake ba tlola ba shua; gone ba cuana le baengele; mi e le bana ba Morimo, gone e le bana ba cogo ea bashui.

37 Mi Moshe le ena o la a shupa kua setlareñ ha bashui ba tla coga, ka a bitsa Yehova, Morimo oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe.

38 Yana, Morimo ga si oa bashui, mi e le oa batseri; gone botle ba tsela ka ona.

39 ¶ Mi bañue ba bakuari ba araba ba re, Rabi, u buile seiñtle.

40 Mi ba si ka ba tlola ba leka go motsa poco epe.

41 Mi a ba raea, Ba reñ, Keresete e le Moroa Davide?

42 Mi Davide ka esi oa bua mo bukeñ ea Lipsalem, Yehova o a la raea Morena oa me, Lula ha atleñ sa me se se siameñ,

43 Ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago.

44 Ki gona Davide o mitsa Morena oa gague; ontse moroaue yañ?

45 ¶ Mi a raea burutoa ba gague mo kutluoñ ea bona botle,

46 Itiseñ mo bakuariñ ba ba eletsañ go tsamaea mo liaparoñ tse ri khokhotañ, mi ba rata litumerisho mo mebileñ ea thekelo, le litulo tse ri kholu mo masenagogeñ, le mo lituloñ tse ri kua pele mo merihoñ;

47 Ba ba ’mmetsañ matlu a batlolagari, mi ba riha merapelo e melele go na seipato. Ba, ba tla bona tsekisho e kholu bogolu.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan