Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 90 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 90.
¶ Morapelo oa ga Moshe, monona oa Morimo.

1 YEHOVA, u lu le botsabelo yoa rona mo tsikatsikeñ.

2 Pele ga lithaba li e si li tsaloe, pele u e si u rihe ombu le lehatsi, E, u Morimo o o leñ ga bosakhutleñ le go bosakhutleñ.

3 U bosetsa bathu tsenyegoñ; mi ua re, Ba lo boee, lona bana ba bathu.

4 Gone nyaga li thousanda, mo maitloñ a gago, li cuana yaka mabane ha a sina heta, le yaka tisho ea bosigo.

5 Ua ba tlosa yaka ka moroalela; ba cuana yaka ba robetse; ba cuana yaka boyañ yo bo hetogañ mo moshoñ.

6 Bo thunya mo moshoñ, mi bo hetoga; mi bo segoa ka mabanyane, mi bo omelela.

7 Gone re nyelerioa ki bogale yoa gago, mi re reroa ki bogale yo bogolu yoa gago.

8 U baea tsiamololo tsa rona ha pele ga gago; libe tsa bosaitsioeñ tsa rona mo seriñ ya hatlogo sa gago.

9 Gone malatsi aotle a rona a nyelerioa ki bogale yoa gago; re uetsa nyaga tsa rona yaka khopolo e le eñue.

10 Kaga malatsi a nyaga tsa rona, go linyaga li sevente mo go aona; mi ha li na nyaga li eite ka eintla ea thata, leha gontse yalo, pelahalo ea cona ki tapisho le bohutsana; gone li khaoloa ka bonako, mi re hohela koñ.

11 Mañ eo o itseñ thata ea bogale yoa gago, go gu boiha kaha poitsegoñ ea gago?

12 Re rute yalo go bala malatsi a rona, gore re bosetse pelu tsa rona botlaleñ.

13 Ba u boee, Yehova; go lele go le kai? mi u utluele batlañka ba gago botluku.

14 Re khorise mo moshoñ ka boicuarelo yoa gago; gore re itumele re ipele mo malatsiñ aotle a rona.

15 Re itumerise kaha malatsi a u re bogisitseñ ka aona; kaha nyaga tse, re bonyeñ boshula mo go cona.

16 A tiho ea gago e bonale mo batlañkeñ ba gago, le khalalelo ea gago mo baneñ ba bona.

17 Mi a boiñtle yoa ga Yehova, Morimo oa rona, bo ne go rona; mi tiho ea atla tsa rona, u e tlomamise go rona; E, tiho ea atla tsa rona, u e tlomamise.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan