Lipesalema 86 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 86. ¶ Morapelo oa ga Davide. 1 YEHOVA, sekegela tsebe ea gago, u ’nkarabe; gone ki humanegile le botloko. 2 Buluka moea oa me, gone ki moaberoi oa boicuarelo yoa gago; Morimo oa me, buluka motlañka oa gago eo o gu ikantseñ. 3 Yehova, u ne boicuarelo go ’na; gone ki biletsa go uena ka tsatsi yeotle. 4 Itumerisa moea oa motlañka oa gago; gone ki culeletsa moea oa me go uena, Yehova. 5 Gone, Yehova, u molemo, mi u rata go icuarela; mi u mogolu mo boicuareloñ, mo go bona botle ba ba gu bitsañ. 6 Yehova, sekegela tsebe go morapelo oa me; mi elatloko koru ea merapelo e e thata ea me. 7 Kia biletsa go uena mo tsatsiñ ya tlalelo ea me; gone u tla ’nkaraba. 8 Yehova, ga go ope eo o cuanañ nau mo merimoñ; mi ga go na litiho lipe tse ri cuanañ le tsa gago. 9 Yehova, baeteni botle ba u ba rihileñ ba tla tla; ba tla ikobela ha pele ga gago, mi ba galaletsa leina ya gago. 10 Gone u mogolu, mi u riha tiho tse ri gakhamatsañ; u Morimo uesi. 11 Yehova, ’nthuta tsela ea gago, gore ki tsamaee mo boamarureñ yoa gago; kopanya pelu ea me le poiho ea leina ya gago. 12 Morena, Morimo oa me, ki tla gu baka ka pelu ea me eotle, mi ki tla galaletsa leina ya gago ka bosina bokhutlo; 13 Gone boicuarelo yoa gago bo bogolu kaga me; u shuabotse moea oa me mo mateñeñ a bobipo. 14 Morimo, ba bopeluumpe ba ’ncogela; liphuthego tsa ba ba boitsegañ ba batla botselo yoa me; mi ga ba gu emise ha pele ga bona. 15 Mi, Morena, u Morimo, u tletse boutluelo botluku, le pelunomi, le pelutelele, le bogolu mo boicuareloñ le mo boamarureñ. 16 U boele go ’na, mi u ne pelunomi go ’na; naea motlañka oa gago thata ea gago; buluka moroa mohula oa gago. 17 ’Ntihela cupo ea molemo oa gago, gore ba ba ’nkilañ ba e bone, ba tlayoe ki litloñ; gone Yehova, u mothusi oa me, le mogomotsi oa me. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society