Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 83 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 83.
¶ Sehela khotsa Pesalem ea ga Asefe.

1 USI ririmale, Morimo; u si ne yaka ga u utlue; u si ririmale, Morimo.

2 Gone, bona, baba ba gago ba tlapea; mi ba ba gu ilañ ba culetsatlogo.

3 Ba logela bathu ba gago khakololo ea tsieco e e shubiloeñ, mi ba gako-loletse ba gago ba ba shubiloeñ.

4 Ba re, Tlañ, re ba senyeñ, gore ba si tlole ba le morahe; gore leina ya Yeserela le si tlole le gopoloa.

5 Gone ba gakololana ka pelu eñue hela; ba gu golaganyetsa.

6 Litenta tsa Edoma, le tsa Baishemaela; tsa Moaba, le tsa Bahagara;

7 Gebala, le Amona, le Amaleka; Bafiliseta, le ka baagi ba Tsura.

8 Siria le ena o kopanye le bona; mi ontse lecogo ya bana ba Lota.

9 U ba rihele yaka Bamidiana; yaka Sisere, yaka Yabine, ha molacuaneñ oa Kishona.

10 Ba le ba señoa kua Endora; ba le ba na lecutelo ye lehatsi.

11 Riha bagoluane ba bona yaka Orebe, le yaka Tsibe; likhosana tsa bona cotle yaka Sebe, le Tsalemune.

12 Ba le ba re, A re rueñ maago a Morimo.

13 Morimo oa me, ba rihe yaka se se hirikologañ, yaka lirite ha pele ga pheho.

14 Yaka molelo o nyeletsa sekhua, le yaka khabu e cuba lithaba,

15 Ba bogise yalo ka moroalela o o boitsegañ oa gago; mi ba rere ka secüacüe sa gago.

16 Khurumetsa lihatlogo tsa bona ka litloñ; gore ba batle leina ya gago, Yehova.

17 A ba tlayoe ki litloñ, a ba rerege ka bosina bokhutlo; gore ba siloharioe, ba nyelele.

18 Gore ba itse ha e le uena uesi, eo leina ya gago e leñ YEHOVA, u le Mogorimo oa bogorimo bogolu mo hatsiñ yeotle.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan