Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 78 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 78.
¶ Masikile a ga Asefe.

1 LONA bathu ba me, utluañ thuto ea me; sekegelañ tsebe tsa lona go mahukuñ a molomo oa me.

2 Ki tla bula molomo oa me ka mahuku a a rutañ; ki tla bulela tsi ri gopolesegañ tsa bogolugolu.

3 Tse re li utluileñ, ra li itse, tse bo‐rra ecu ba li re buleletseñ.

4 Ga re kitla re li shubela bana ba bona, mo losikeñ lo lo rularañ, go bulela lipako tsa ga Yehova, thata tsa gague, le likhakhamaco tsa gague, tse o li rihileñ.

5 Gone o la tlomamisa kaelo mo go Yakoba, mi a laolela molao mo Yeserela, o o o laoletseñ bo‐rra ecu, gore ba li itsise mo baneñ ba bona.

6 Gore losika lo lo rularañ lo li itse; eboñ bana ba ba tla tsaloañ; ba ba tla tlogañ, go li bulelela mo baneñ ba bona;

7 Gore ba tlome culuhelo ea bona mo Morimoñ, le esiñ go lebala tiho tsa Morimo, mi gore ba buluke litaolo tsa ona.

8 Mi gore ba si ne yaka bagolu ba bona, ba e le le ba losika lo lo tlogo e thata le lo lo tlapeisañ; losika lo lo lo sa siamisa pelu tsa lona, le lo moea oa lona o lo sa ikañoa ha go Morimo.

9 Bana ba ga Eferaima, ba ba le ba na le lilo tsa tlabano, ba gokere mara, ba boea, ba tsaba mo tsatsiñ ya tlabano.

10 Ba si ka ba buluka kholagano ea Morimo; mi ba gana go tsamaea mo molaoñ oa ona;

11 Mi ba lebala litiho tsa ona, le likhakhamaco tsa ona, tse o lo oa li ba bontsa;

12 Tse ri gakhamatsañ tse o lo oa li riha ha pele ga bagolu ba bona; mo hatsiñ ya Egepeto le mo nageñ ea Tsoana.

13 O lo oa tsetsereganya leoatle, mi oa ba khabagantsa; oa emisa metse yaka mokooa.

14 Oa ba goga ka leru mo tsatsiñ; le mo sigoñ yotle ka leseri ya mulelo.

15 Oa kakabolosa mahika mo gareñganaga; mi oa ba nosa yaka mo mateñeñ a magolu.

16 Gone o lo oa entsa likelelo mo lehikeñ, mi oa holosa metse yaka melapo.

17 Leha gontse yalo ba coelela pele go o leohela bogolu bogolu, go galehatsa Mogorimo oa bogorimo bogolu kua gareganaga.

18 Ba le ba raela Morimo mo peluñ tsa bona, ka go eleletsa khatlego tsa bona liyo.

19 E, ba le ba buela Morimo, ba re, A Morimo o nonohile go bakanya lomati loa boyelo mo gareñganaga?

20 Bonañ, o tubile lehika, ga tsamaea metse a cabanyetsega, mi likelelo tsa khurumetsa; señkhua le shona a o ka se naea? a o ka tlamela bathu ba ona ka nama?

21 Ki gona Yehova a utlua, mi a na bogale bogolu; mi molelo oa cuyoa mo go Yakoba, mi ga tlatlogela Bayeserela bogale.

22 Gone ba si ka ba rumela Morimo le esiñ go ikanya puluko ea ona.

23 Leha o lo oa laola maru kua gorimoñ, mi oa bula meyako ea legorimo;

24 Mi oa nesetsa mana mo go bona go yeoa: mi oa ba naea mabele a legorimo;

25 Mi bathu ba le ba ya liyo tsa linatla; oa ba romela liyo tsa go khoroa.

26 O lo oa hokisa pheho ea Iseta mo magorimoñ; mi oa kharametsa pheho ea Southa ka thata ea ona.

27 Mi oa ba nesetsa nama yaka lorole; le linunyane tse li liphuka yaka moshaua oa leoatle.

28 Oa li osetsa mo gareñ ga botlaolelo yoa bona, mo eintleñ cotle tsa maago a bona.

29 Eriha gona ba yañ, mi ba khora segolu; mi oa ba leretsa keleco ea bona.

30 Ba le ba e si ba khutle go khorisa keleco ea bona, liyo tsa bona li li sa le mo melomoñ ea bona,

31 Ka bogale yo bogolu yoa Morimo bo ba tlatlogela; mi oa bolaea ba ba nonneñ segolu ba bona; mi ba ba itseñkecoeñ ba Yeserela oa ba tubela hatsi.

32 Leha gontse yalo, ba le ba coelela pele go leoha bogolu, mi ba si ka ba rumela likhakhamaco tsa ona.

33 Ki gona yalo o lo oa nyeletsa malatsi a bona ka boithamako; le linyaga tsa bona ka therego.

34 Erile o ba bolaea, eriha gona ba o batlañ; ba boea, ba batla Morimo go sale gale.

35 Mi ba gakologeloa ha Morimo o lo le lehika ya bona; le Morimo oa bogorimo bogolu e le le Morekolori oa bona.

36 Mi yalo ba le ba o baka ka boitimokanyo ka melomo ea bona, mi ba o akela ka liteme tsa bona.

37 Gone pelu tsa bona li li sa siama le ona; mi le gona ba si ka ba ikanya kholagano ea ona.

38 Leha gontse yalo, ka o lo le boicuarelo, oa icuarela tsiamololo ea bona, mi o si ka oa ba senya; mi oa bosa bogale yoa ona ka gantsi; mi o si ka oa tlotleletsa bogale yoa ona yo bogolu yotle.

39 Gone o lo oa gakologeloa, ha ba le nama; pheho e e hetañ, e e sa beñ e boea.

40 Ba le ba o galehatsa gantsi yañ, mo gareñganaga, ba o lapisa mo hatsiñ ya lokhere!

41 E, ba boea, ba ba ba raela Morimo; mi ba bela Moitsephi oa Yeserela moleloane.

42 Ba si ka ba gopola atla sa ona; le tsatsi ye, ka o ba golola mo mabeñ.

43 Ka o riha licupo tsa ona mo Egepeto; le likhakhamaco tsa ona mo nageñ ea Tsoana.

44 Ka o hetola melapo ea bona mari; le likelelo tsa bona, ga tsamaea ba reteleloa ki go noa.

45 Oa roma bontsi yoa lintsi li sele tse ri leñ tsa ba nyeletsa, le liguagua tse ri ba sentseñ.

46 Mi oa nela liboku totahalo ea bona, le tihelo ea bona litsie.

47 Oa senya tlare tsa vine tsa bona ka sehako, le tlare tsa sekamore tsa bona ka sehako se segolu.

48 Le gona oa nela matlape a bona sehako, le macomane a bona khabuñ tsa mulelo.

49 Oa roma bogale yoa ona yo bo tukañ mo go bona; bogale, le bogale yo bogolu, le tlalelo, ka go roma baroñoi ba boshula.

50 Oa rihela bogale yoa ona tsela; o si ka oa golola meoea ea bona mo loshuñ; mi oa nela matselo a bona pesetelense.

51 Oa bolaea batsaloi ba eintla botle mo Egepeto; mauñuo a eintla a thata ea bona mo litenteñ tsa Hama;

52 Mi oa isa bathu ba ona yaka liñku, oa ba gogela yaka lecomane kua gareganaga.

53 Oa ba goga ka puluko, mi ba si ka ba boiha; gone leoatle ya khurumetsa baba ba bona.

54 Oa ba lere mo khaoloñ ea lehatsi ea ona ea boitsepho; mo thabeñ e atla sa ona se se siameñ se e rekileñ.

55 Oa khoromeletsa eintle baeteni ha pele ga bona; mi oa aba boshua yoa bona ka lori; mi oa agisa lico tsa Yeserela mo tenteñ tsa bona.

56 Mi leha gontse yalo, ba raela ba galakisa Morimo oa bogorimo bogolu; mi ba si ka ba buluka licupo tsa ona.

57 Mi ba tenega ba riha ka tsieco yaka bo‐rabo; ba boela morago yaka bora yo bo laologileñ.

58 Gone ba o tlotleletsa mo bogaleñ ka mahelo a a bogorimo a bona; mi ba o tlotleletsa mo lehuheñ ka merimo ea bona e e setiloeñ.

59 Morimo oa utlua, mi oa na bogale bobe; mi oa ila Yeserela segolu;

60 Ga tsamaea oa tlogela taberenakela ea ona mo Shilo; tenta e o loa aga mo bathuñ ka eona.

61 Oa nelela mo kholegoñ thata ea ona; le khalalelo ea ona mo thateñ ea maba.

62 Oa nelela bathu ba ona caka; mi oa na bogale yo bo tukañ le boshua yoa ona.

63 Molelo oa nyeletsa makau a bona; mi makharebe a bona a si ka a bakoa.

64 Baperiseti ba bona ba oa ka caka; mi batlolagari ba bona ba si ka ba lelela.

65 Eriha gona Yehova o cogañ yaka moñue eo o robetseñ; yaka monona oa bonatla eo o bitsañ ka boyaloa.

66 Mi a tlanya baba ba gague ka kua morago; a ba riha botlabisa litloñ yo bo sa khutleñ.

67 A gana taberenakela ea Yosefa; mi a si ka a itseñkela loco loa Eferaima;

68 Mi a itseñkela loco loa Yuda; thaba ea Tsiona, e o e ratileñ.

69 Mi a aga helo ga boitsepho ga gague, yaka bogorimo, yaka lehatsi ye o le tlomamisitseñ ka bosina bokhutlo.

70 Le gona a itseñkela Davide motlañka oa gague; oa mo cula mo marakaneñ a liñku.

71 A mo lere ka a sala liñku tse ri amusañ morago, go hurisa bathu ba gague Yakoba, le Yeserela boshua yoa gague.

72 Mi a ba hurisa kaha tsiamoñ ea pelu ea gague; mi a ba goga kaha tlaloganyoñ ea atla tsa gague.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan