Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 70 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 70.
¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu, go goporisa.

1 MORIMO, akoha go ’nkholola; akoha go ’nthusa, Yehova.

2 A ba tlayoe ki litloñ, ba siloharioe, ba ba batlañ moea oa me; a ba boserioe kua morago, ba siloharioe, ba ba itumelañ le boshula yoa me.

3 A ba boserioe kua morago go na tuelo ea litloñ tsa bona, ba ba reñ, Hoiha, hoiha.

4 A botle ba ba gu batlañ, ba itumele, ba ipele, mo go uena; a ba ba ratañ puluko ea gago, ba re ka gale, A Morimo o rihoe mogolu.

5 Mi ’na, ki humanegile le mo botlokoñ. Morimo, akoha u tle go ’na; Yehova, u mothusi oa me le mogolori oa me, u si riege.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan