Lipesalema 69 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 69. ¶ Pesalem ea ga Davide go Mooperi eo mogolu mo Shoshanim. 1 MORIMO, ’mpuluka, gone metse a hitlile mo moeeñ oa me. 2 Ki noetse mo morageñ o o boteñ, ha boemo bo sieoñ gona; ki hitlile mo mateñeñ a metse, mi meroalela ea metse ea ’nkhurumetsa. 3 Ki lapisicoe ki pico ea me; momeco oa me o omeletse; maitlo a me a nyelerioa ki ga lebelela Morimo oa me. 4 Ba ba ’nkilañ ki sina molatu, ba bantsi bogolu go meriri ea tlogo ea me; ba ba batlañ go ’ntsenya, ba ba leñ baba ba me ecoa ki sina molatu, ba thata bogolu; ga tsamaea ka leha se ki sa se tlakolañ. 5 Morimo, ua itse bosilo yoa me; mi melatu ea me ga ua e shubeloa. 6 A ba si tlayoe ki litloñ ka eintla ea me, ba ba gu lebelelañ, Morena, Yehova oa lintua; a ba ba gu batlañ ba si siloharioe ka eintla ea me, Morimo oa Yeserela. 7 Gone ki bogile khobo ka eintla ea gago; litloñ li khurumeritse sehatlogo sa me. 8 Ki rihegile moeñ mo go bana ba ga rre, mi ga ki itsioe mo baneñ ba ga mme. 9 Gone tloahalo ea eintlu ea gago e ’mmeritse; mi likhobo tsa ba ba gu khobañ li oetse mo go ’na. 10 Erile ki lela ka go bisa go ya ga moea oa me: e rihiloe khobo ea me. 11 Mi ka riha matsela a khetse seaparo sa me, mi ka rihega se se shotloañ mo go bona. 12 Ba ba rutseñ mo likhoroñ ba ’ntseba; mi ka na sehela sa batagoi. 13 Ka ga me, morapelo oa me o go uena, Yehova, mo motleñ oa natehelo; Morimo, ka eintla ea bogolu yoa boicuarelo yoa gago, ’nkutlua mo boamarureñ yoa puluko ea gago. 14 ’Ncuatola mo morageñ, mi u si ’ntese ka noela; a ki gololoe mo go bona ba ba ’nkilañ, le mo mateñeñ a metse. 15 A moroalela oa metse o si ’nkhurumetse; mi a boteñ bo si ’mmetse; mi a molete o si ’ncualelele molomo oa ona. 16 Yehova, ’nkaraba, gone boicuarelo yoa gago bo molemo; ’nteba kaha bogoluñ yoa boicuarelo yoa gago. 17 U si shubele motlañka oa gago sehatlogo sa gago, gone ki mo poihoñ. Akoha, u ’nkarabe. 18 Atamela moea oa me, mi u o golole; ’nkholola ka eintla ea baba ba me. 19 Ua itse khobo ea me, le litloñ tsa me, le tlotlologo ea me; baganetsi ba me ba ha pele ga gago botle. 20 Khobo e thubile pelu ea me, mi ki koaharicoe bogolu; ki lebeletse eo o utluelañ botluku, mi ga gona ope; le bagomotsi, mi ga kia ka ka ba bona. 21 E, ba ’nneile santlukue go na seyo sa me; mi ba ’nneile go noa boyaloa yo bo berileñ mo nyoroñ ea me. 22 Lomati loa boyelo loa bona a lo ne serai go bona, mi a lo ne seru go na tuelo go bona e e tletseñ. 23 A maitlo a bona a hihihale, gore ba si bone; mi roromisa mañkopa a bona ka gale. 24 Gorometsa bogale yo bogolu yoa gago go bona; mi a bogale yoa gago yo bo tukañ bo ba tlamparele. 25 A boago yoa bona bo ropeharioe; a go si ne ope eo o agañ mo litenteñ tsa bona. 26 Gone ba bogisa eo u meritseñ; mi ba itumela mo bohutsaneñ yoa eo u mo kueneseritseñ. 27 Oketsa tsiamololo ea bona ka tsiamololo; mi a ba si hitle go tsiamoñ ea gago. 28 A ba tlosioe mo bukeñ ea botselo; mi a ba si kualeloe le basiami. 29 Mi ’na, ki humanegile le mo bohutsaneñ; Morimo, a puluko ea gago e ’nkhorise. 30 Ki tla baka leina ya Morimo ka sehela; ki o riha mogolu ka boitumelelo. 31 Mi bo tla natehela Yehova bogolu go pholuana, e e nañ linaka le litlaku. 32 Bapelunomi ba tla bona, mi ba tla itumela; mi lona ba lo batlañ Morimo, pelu tsa lona li tla tsela. 33 Gone Yehova o utlua bahumanegi; mi ga a nyatse bagolegoi ba gague. 34 A magorimo le lehatsi le mmake; le linoka, le cotle tse ri rokhonyegañ mo go cona. 35 Gone Morimo o tla golola Tsiona, mi o tla aga metse ea Yuda; mi bathu ba tla aga gona, mi ba na naeo go na boshua yoa bona. 36 Mi losika loa batlañka ba ona lo tla e rua; mi ba ba ratañ leina ya ona ba tla aga gona. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society