Lipesalema 68 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 68. ¶ Pesalem eboñ Sehela sa ga Davide, go Mooperi eo mogolu. 1 A MORIMO o tloge o eme, a baba ba ona ba halarioe; ba ba o ilañ, le bona, a ba tsabe ha pele ga ona. 2 U ba nyeletse yaka musi o nyelerioa; a baikepi ba nyelele ha pele ga sehatlogo sa Morimo, yaka makhaha a tlapologa ha pele ga molelo. 3 Mi a basiami ba itumele; a ba itumele ha pele ga Morimo; a ba itumele ka turueco. 4 Opelelañ Morimo, opelelañ leina ya ona lipako; o bakanyetseñ tsela, ona o o palameñ mo metlabeñ ea naga; leina ya ona ki YAH; mi itumeleñ ka boitumelo ha pele ga ona. 5 Rara oa likhutsana, le mosiamise-tsi oa batlolagari, ki Morimo mo boagoñ yoa ona yoa boitsepho. 6 Ba boyosi Morimo o ba atisa litsika, o entsetsa eintle ba ba golegiloeñ ka liketen; mi ba ba tenegañ ba aga mo hatsiñ ya lokhere. 7 Morimo, erile u coelela ha pele ga bathu ba gago; erile u guanta u ralala gareganaga; Sela. 8 Lehatsi ya roroma, magorimo le aona a rotha ha pele ga hatlogo sa Morimo; Sinai le eona ha pele ga sehatlogo sa Morimo; Morimo oa Yeserela. 9 Morimo, u lua roma pula ea merupe, u lua nametsa boshua yoa gago ka bo ñoriega. 10 Bathu ba gago ba le ba aga mo go yona; u tlametse bahumanegi ka molemo oa gago, Morimo. 11 Morena o nela lehuku, mashomo a magolu a basari a le buletse ka boitumelo. 12 Likhosi tsa lintua li tsa tsaba, li tsa tsaba; mi mosari eo setseñ mo gae a abanya thopo. 13 Leha lo lo letse me meleloaneñ ea lona, lo tla na yaka liphuka tsa lephui li manegiloe ka selevera, le liphaha tsa yeona ka gouda e tsetla e e phatsimañ. 14 Erile Mothatietle a gasanya likhosi mo go yeona, ba na boshueu yoa yoa litlonu mo Salemona. 15 Thaba ea Bashana, a ki thaba ea Morimo? Thaba ea Bashana, ki thaba e e litlora lintsi. 16 Lo tlolelañ, lona lithaba tse ri litlora lintsi? Thaba e ki eona e Morimo o eleritseñ go aga mo go eona; amarure, Yehova o tla aga gona ka bosina bokhutlo. 17 Licariota tsa Morimo li tu meriada, le bothousanda ba le bantsi! Morena o mo go cona mo heloñ ga boitsepho, yaka mo Sinai. 18 U tlatlogetse kua bogorimoñ; u gogetse kholegelo kholegoñ, u cutse lineo gore u li abanye mo bathuñ, E, le ba ba tlogo e thata, gore Yehova Morimo o age mo go bona. 19 Go bakoe Morena ka metla eotle, eo o re lapolosañ; eo ki ena Morimo oa puluko ea rona. Sela. 20 Morimo o ko ona Morimo oa puluko ea rona; lico mo loshuñ li ha go Yehova Morena. 21 Mi Morimo o tla rema tlogo tsa baba ba ona, phogo e e moriri ea gague eo o tsamaeañ mo melatuñ ea gague. 22 Morena o rile, Ki tla ba ki lere ki entsa mo Bashana; ki tla ba ki lere ki ba entsa mo boteñeñ yoa leoatle. 23 Gore u ine nao loa gago mo mariñ a baba ba gago, le liteme tsa linca tsa gago li lacue mo go aona. 24 Morimo, ba bonye litsamao tsa gago; litsamao tsa Morimo oa me, khosi ea me, mo heloñ ga boitsepho. 25 Baoperi ba coelela pele; ba ba lotsañ mo lilecoñ ba sala morago; mi makharebe a letsa meropa ha gare. 26 Bakañ Morimo mo liekelesieñ, eboñ Morimo, lona ba lo coañ mo mocoeriñ oa Yeserela. 27 Hoñ Benyamina eo motlana o gona, eo o ba laolañ; likhosana tsa Yuda, le phuthego ea cona; likhosana tsa Sabulona, le likhosana tsa Nefetala. 28 Morimo oa gago, a laotse thata ea gago; Morimo, tlomamisa se u se re rihetseñ. 29 Likhosi li tla gu leretsa lineo ka eintla ea tempela ea gago kua Yerusalema. 30 Omanya sebatana sa lotlaka; le phuthego tsa lipoo; le linamane tsa merahe; ba ba obamelañ ka liselevera. O gasanya merahe e e ratañ tlabano. 31 Boroñoi ba sekakhosi ba tla coa mo Egepeto. Lehatsi ya Etiopia le tla akoha le entsetsa Morimo atla tsa yeona. 32 Lona magosi a lehatsi opelelañ Morimo; opelelañ Morena lipako; Sela. 33 Eo o palameñ mo magorimoñ a magorimo, a a sa leñ a tlolega; bonañ, o naea koru ea gague, koru ea thata. 34 Reñ, Thata ki ea Morimo; bonatla yo boiñtle yoa ona bo laola mo go Yeserela, le thata ea ona e mo magorimoñ. 35 Morimo, ua boitsega mo maheloñ a boitsepho a gago; Morimo oa Yeserela, o o nelañ bathu ba ona thata le taolo. Morimo o bakoe. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society