Lipesalema 65 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 65. ¶ Pesalem le sehela sa ga Davide, go Mooperi eo mogolu. 1 MORIMO, pako e gu lebelela mo Tsiona; mi ikano u tla e riheloa. 2 U utlua thapelo; nama cotle li tla tla go uena. 3 Mahuku a a sa siamañ a ’mphen-tse; mi litlolo tsa rona, u tla li ruanyetsa. 4 Go tsegaharicoe ena eo u mo itsenketseñ le go mo atametsa go uena, gore a age mo maloapeñ a gago; re tla khorisioa ka molemo oa eintlu ea gago, le oa tempela ea gago ea boitsepho. 5 Morimo oa puluko ea rona, u tla re araba ka lilo tse ri boitsegañ ka tsiamo; u boikanyo yoa likhutlo tsa lehatsi, le yoa bona ba ba agileñ khakala ha leoatleñ; 6 O o tlomamisañ lithaba ka thata ea ona; li tlamiloe ka thata; 7 O o ririmatsañ khuasho tsa linoka, le khuasho ea lintelo tsa cona, le tlapeo ea bathu. 8 Mi ba ba agileñ kua likhutloñ ba boiha licupo tsa gago; u itumerisa lico tsa mosho, le tsa mabanyane. 9 U lekola lehatsi, mi ka u le elele-ritse pula, u le humisa segolu ka molapo oa Morimo, o o tletseñ metse; mi u tla ba etleletsa mabele, gone u a tlametse. 10 U nosa ombu o o lemiloeñ oa yeona segolu; u nesa pula mo tseleñ tsa yeona; u le nolahatsa ka maebana, u tsegahatsa tlogo ea yeona. 11 U roesa ñuaga ka molemo oa gago; tselana tsa gago li rutla monono. 12 Li rothela mo mahuloñ a gareganaga; mi marotana a tlamiloe ki boitumelo. 13 Mahulo a apesicoe ka macomane, mi megorogoro e khurumericoe ki mabele; goa bitsa ka boitumelo, le gona goa opela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society