Lipesalema 61 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 61. ¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu, mo Nigenota. 1 MORIMO, utlua pico ea me, ela morapelo oa me tloko. 2 Ki gu bitsa ki le kua khutloñ sa lehatsi, ka pelu ea me e nyelerioa ki bohutsana. ’Nkhogela kua lehikeñ ye leñ gorimo bogolu go ’na. 3 Gone u lu le botsabelo yoa me, turio e e thata ea me, ha pele ga maba. 4 Ki tla aga mo taberenakeleñ ea gago ka bosina bokhutlo; ki tla tsabela mo murutiñ oa liphuka tsa gago. Sela. 5 Gone, Morimo, u utluile maikano a me; u ’nneile boshua yoa bona ba ba boihañ leina ya gago. 6 U tla oketsa malatsi a khosi ka malatsi; linyaga tsa eona li tla na mo tsikatsikeñ. 7 E tla sala ha pele ga Morimo ka bosina bokhutlo; itleletsa boicuarelo le boamarure, gore bo e buluke. 8 Ki gona yalo ki tla opelelañ leina ga gago lipako ka bosina bokhutlo, gore ki lehe maikano a me ka tsatsi le tsatsi. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society