Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 58 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 58.
¶ Ali‐tasikita, Mikitam ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu.

1 A LO bua tsiamo rure, lona balaori? a lo sekisa kaha go siameñ, lona bana ba bathu?

2 E, lo riha tsiamololo mo peluñ; lo lekanya ha selekanyo tsenyo ea atla tsa lona mo lehatsiñ.

3 Baikepi ba eñhetse ka ba sa coa mo sebopeloñ; babui maka ba timela ba sa belegoa.

4 Botluku yoa bona bo cuana le botluku yoa noga; ba cuana le noga e e sa utlueñ e e tsibañ tsebe tsa eona;

5 Gore e si retse koru ea eo o letsañ, eo o tlalehileñ go loa.

6 Morimo, robaganya meno a bona mo melomoñ ea bona; roba meno a litauana a litlaea, Yehova.

7 A ba tlapologe yaka metse a a nyelelañ; a ba gokare mecui ea bona, a e ne yaka e segagancoe.

8 A ba hete ba nyelele yaka moroalela oa metse; yaka tsenyegelo ea mosari e e sa boneñ letsatsi.

9 Pele lipitsa tsa lona li e si li utlue lipeseleco, o tla ba tlosa, ba sa tserile, yaka ka secuacue mo bogaleñ yo bo tukañ.

10 Mosiami o tla itumela mogañ o bonañ pushulosho; o tla tlacoa nao tsa gague mo mariñ a baikepi.

11 Mi bathu ba tla re, Amarure, tuelo eeo go mosiami; amarure Morimo oeo, o o sekisañ mo hatsiñ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan