Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 55 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 55.
¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu, mo Nigenota, Masikile.

1 MORIMO, retsa morapelo oa me; mi si icubele thapelo e e thata ea me.

2 ’Nkelatloko, mi u ’nkarabe; ki riha bohutsana mo itokoñ ea me, ki riha morumo,

3 Ka eintla ea koru ea maba; ka eintla ea patiko ea baikepi; gone ba latlela tsiamololo mo go ’na, mi ba ’nkila ka bogale yo bogolu.

4 Pelu ea me e tlukuharicoe bogolu mo teñ ga me; mi lipoitsego tsa loshu li oetse mo go ’na.

5 Poiho le thoromo li ’ncuere, mi therego e ’nkhurumeritse,

6 Ga tsamaea ka re, Au! intla ’nko ki na le liphuka yaka lephui, ’nko ki hohela kua ’nka ikhutsañ gona.

7 Bona, ’nko ki timelela khakala; ’nko ki sala mo gareñganaga. Sela.

8 ’Nko ki itlaganela gore ki tsabe pheho e e kharametsañ, le ea moroalela.

9 Yehova, ba senye, mi lomologanya likhakololo tsa bona; gone ki bona tsenyo le khañ mo motseñ.

10 Ba rikologa mo lithakoñ tsa ona tsatsi le bosigo; tsiamololo le khatisho, li mo teñ ga ona.

11 Bolotsana hela bo mo gareñ ga ona; boherehere le tsieco ga li tloge mo mebileñ ea ona.

12 Gone ga si maba eo o khobañ, ha gontse yalo ’nkabo ki le ka icoka; ga si eo o ’nkilañ, eo o itihañ mogolu ka ’na; eo ontseñ yalo, ’nkabo ki mo icubela.

13 Mi e le le uena, uena monona eo e leñ molekane oa me, mokaeri le tsala ea me.

14 Re le ra gakololana mogo ka natehalo; mi ra ea mogo kua tluñ ea Morimo.

15 A loshu lo ba cuare ka bonako; a ba hologele ba sa tserile mo bobipoñ; gone boshula bogolu bo mo teñ ga maago a bona.

16 Mi kaga me, ki tla bitsa Morimo; mi Yehova o tla ’nkholola.

17 Ki tla rapela, ka mabanyane, le mo moshoñ, le mo motsegareñ; ki bitsa segolu; mi o tla ’nkutlua.

18 O tla rekolola moea oa me ka kagisho mo tlabanoñ, leha bontsi yo bogolu bo emalana le ’na.

19 Morimo o tla utlua, eboñ o o sa tlolegañ, o ba bogisa. Sela. Ka go sina phetogo epe ha go bona, ki gona ba sa boiheñ Morimo.

20 O otlololela ba ba agileñ nae ka kagisho liatla tsa gague: o hunolotse kholagano ea gague.

21 Molomo oa gague o borethe bogolu go mahura a mashi, mi pelu ea gague ki tlabano; mi mahuku a gague a sita loukuane ka bonolo, mi a licaka tse ri shomocoeñ.

22 Latlela lipopego tsa gago go Yehova, mi o tla gu kokotletsa; ga a kitla a leseletsa mosiami go tsikiñoa ka bosina bokhutlo.

23 Mi, Morimo, u tla ba holosetsa mo moleteñ oa tsenyego. Banona ba mari le tsieco ga ba kitla ba tsela eintla eñue ea malatsi a bona; mi ’na ki tla gu ikanya.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan