Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 51 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 51.
¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu, ka Natane moperofeti a tla go ena, ka a sina tsena go Batashebe.

1 MORIMO, u ne boicuarelo go ’na, kaha tsalanoñ ea gago ea lorato; tlacua u tlose litlolo tsa me, kaha bogoluñ yoa maicuarelo a gago.

2 ’Ntlapisise mo tsiamololoñ ea me; mi inntsekise mo boleoñ yoa me.

3 Gone ki ipobola litlolo tsa me, mi boleo yoa me bo ha pele ga me ka gale.

4 Ki gu leohetse, uena uesi, mi boshula yo ki bo rihile mo ponoñ ea gago; yalo u tla siamisioa mo puoñ ea gago, le go itseka mogañ u sekisañ.

5 Bona, ki tsalecoe mo tsiamololoñ, mi mme o innthualetse mo boleoñ.

6 Bona, u nateheloa ki boamarure mo go tsa boteñ; mi u ’nkitsise botlale mo go sa itsioeñ.

7 Inntsekise ka hisopa, mi ki tla itseka; ’ntlacoa, mi ki tla na boshueu bogolu go litlonu.

8 ’Nkutluisa boitumelo, le tlapelo; gore marapo a u a robileñ a itumele.

9 Shubela hatlogo sa gago libe tsa me, mi tlacua u tlose litsiamololo tsa tsa me cotle.

10 Morimo, bopa pelu ea boitseko mo go ’na, mi encahatsa moea oa tlomamo teñ ga me.

11 U si ’ntatle pele ga hatlogo sa gago; mi si tlose Moea oa boitsepho oa gago go ’na.

12 Ba u ’nnee boitumelo yoa puluko ea gago; mi a moea oa tlomamo o ’nkokotletse.

13 Ki gona ki tla rutañ batlori tsela ea gago, mi baleohi ba tla tlabologela go uena.

14 ’Nkholola mo melatuñ ea mari, Morimo, Morimo oa puluko ea me; gore loleme loa me lo opele tsiamo ea gago ka boitumelo.

15 Morena, bula lipounama tsa me; eriha gona molomo oa me o tla bulelañ pako ea gago.

16 Gone ga u nateheloe ki cupelo, gone ’nko ki e gu naea; ga u na khatlego mo cupeloñ tsa phisho.

17 Cupelo tsa Morimo ki moea o o thubegileñ; Morimo, ga u kitla u nyatsa pelu e e thubegileñ e e khobiloeñ.

18 Rihela Tsiona molemo kaha nateheloñ ea gago; agelela lithako tsa Yerusalem.

19 Eriha gona u tla nateheloañ ki licupelo tsa tsiamo, le cupelo ea phisho, le cupelo e e hisioañ eotle; eriha gona ba tla shupañ likhomu mo aletareñ ea gago.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan