Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 49 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 49.
¶ Pesalem ea bana ba ga Korahe, go Mooperi eo mogolu.

1 UTLUAÑ ye, lona merahe eotle; retsañ, lona lotle baagi ba lehatsi;

2 Ba botlana le bagoluane, bahumi, le balala mogo.

3 Molomo oa me o tla bua botlale; mi khakologelo ea pelu ea me e tla na tlaloganyo.

4 Ki tla sekegela tsebe ea me seheleñ; ki tla rarabolola huku ya me ya basaitsioeñ mo harepeñ.

5 Ki tla bo ki boihelañ mo metleñ ea boshula; mogañ tsiamololo ea baba ba koko ba me e ’ntikanyeletsañ?

6 Ba ba ikanyañ likhumo tsa bona, le go ipelahalela mo bogoluñ yoa mahumo a bona,

7 Ga ope oa bona eo o ka gololañ ñoana oa ga rague ka gope, le esiñ go mo nela Morimo serekololo:

8 (Gone serekololo sa moea oa gague se thata bogolu; mi ga se kake sa hitleloa ka bosina bokhutlo.)

9 Ki gona ga go ope eo o ka tselañ ka go bisa go khutla, gore a si bone go bola.

10 Gone o bona ha matlale a shua; lesilo le yeona, le eo o sinañ tlaloganyo, ba hela, mi ba tlogelela ba bañue lithoto tsa bona.

11 Khopolo tsa teñ tsa bona, li re, matlu a bona a tla sala ka bosina bokhutlo; le maago a bona mo tsikatsikeñ; le maina a bona a belahaloa mo lehatsiñ.

12 Leha gontse yalo bathu ga ba sale mo tlotloñ; ba cuana le tse ri tserileñ tse ri helañ.

13 Mokhua o oa bona, ki bosilo yoa bona; mi ba ba ba rularañ ba nateheloa ki mahuku a bona. Sela.

14 Ba larioa yaka liñku mo bobipoñ; loshu lo tla ba hurisa; mi basiami ba tla na le taolo mo go bona mo moshoñ: boiñtle yoa bona bo nyelela, bobipo ki boago yoa bona.

15 Mi Morimo o tla golola moea oa me mo thateñ ea bobipo; gone o tla ’ncula. Sela.

16 Si boihe, ha moñue a huma; mogañ khalalelo ea eintlu e na kholu.

17 Gone ga a kake a ea le sepe mo loshuñ loa gague; khalalelo ea gague ga e kitla e hologela morago ga gague.

18 Leha a la tsegahatsa moea oa gague ka a sa tserile; mi leha bathu ba gu baka, ka u itihela molemo;

19 O tla ea kua boagoñ yoa bo‐rague; ba ba si kitlañ ba bona leseri ka bosina bokhutlo.

20 Mothu eo o leñ mo tlotloñ, mi a sina tlaloganyo, o cuana le tse ri tserileñ tse ri nyelelañ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan