Lipesalema 48 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 48. ¶ Sehela le Pesalem ea bana ba ga Korahe. 1 YEHOVA o mogolu, mi o cuanecoe go bakoa bogolu mo motseñ oa Morimo oa rona, thaba ea boitsepho yoa ona. 2 Thaba ea Tsiona e boiñtle yoa popego; ki boitumelo yoa lehatsi yeotle; motse oa khosi e kholu o mo eintleñ tsa Noreda. 3 Morimo o mo matluñ a khosi a ona; oa itsege ha o le botsabelo. 4 Gone bonañ, likhosi li li phuthegile; li tsa heta mogo; 5 Erile li bona, tsa gakhamala; tsa silohala, mi tsa akoha tsa ea; 6 Thoromo e le ea li cuara gona, botluku yaka yoa mosari eo o belegañ; 7 Tsa thuyoa yaka pheho ea Iseta e thubuganya lishepa tsa Taresisa. 8 Yaka re utluile, re bonye hela yalo, mo motseñ oa Yehova oa lintua, mo motseñ oa Morimo oa rona; Morimo o tla o tlomamisa ka bosina bokhutlo. Sela. 9 Re gopola tsalano ea lorato ea gago, Morimo, mo gareñ ga tempela ea gago. 10 Yaka leina ya gago lentse, Morimo, pako ea gago entse yalo le kua likhutloñ tsa lehatsi. Atla sa gago se se siameñ se tletse tsiamo. 11 A thaba ea Tsiona e itumele; a bomoroaria Yuda ba ipele, ka eintla ea tsekisho tsa gago. 12 Holañ Tsiona, lo o rikologeñ; balañ turio tsa ona; 13 Elañ tloko lithoko tsa tlabano tsa ona, balañ matlu a khosi a ona; gore lo bulelele losika lo lo latelañ. 14 Gone Morimo o ki Morimo oa rona, ka bosina bokhutlo yotle; o tla na moshupatsela oa rona, le kua loshuñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society