Lipesalema 46 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 46. ¶ Sehela mo Alamota, go Mooperi eo mogolu go baneñ ba ga Korahe. 1 MORIMO ki botsabelo le thata ea rona; o thusho e gauhe rure mo tlaleloñ. 2 Ki gona re si kitlañ re boiha leha lehatsi le shutisioa, leha lithaba li belegeloa mo peluñ ea noka; 3 Leha metse a eona a guasa, a huruega, leha lithaba li urubarioa ki thurugo ea eona. Sela. 4 Molapo oeeo, likelelo tsa ona li tla itumerisa motse oa Morimo, helo ga boitsepho ga maago a Mogorimo oa bogorimo bogolu. 5 Morimo o ha gare go ona, ga o kitla o shutisioa; Morimo o tla o thusa, mo phepahaloñ ea mosho. 6 Baeteni ba le ba tsenoa, magosi a kharakhatsega, o loa entsa koru ea ona, lehatsi ya tlapologa. 7 Yehova oa lintua o na le rona; Morimo oa Yakoba ki botsabelo yoa rona. Sela. 8 Tlañ, lo bone tiho tsa ga Yehova; lithopehaco tse o li rihañ mo lehatsiñ. 9 O khutlisa litlabano le kua khutloñ tsa lehatsi; o roba bora, o putla-ganya lerumo; licariota o li hisa ka molelo. 10 Lesañ; mi lo itse ha e le ’na Morimo; Ki tla gorisioa mo baeteniñ; Ki tla gorisioa mo lehatsiñ. 11 Yehova oa lintua o na le rona; Morimo oa Yakoba ki botsabelo yoa rona. Sela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society