Lipesalema 28 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 28. ¶ Pesalem ea ga Davide. 1 KI biletsa go uena, Yehova, hika ya me; u si rihe yaka ga u utlue go ’na; gore e si re, ha u ririmala go ’na, ka cuana le bona ba ba hologelañ mo moleteñ. 2 Ere ki biletsa go uena, utlua koru ea merapelo ea me; mogañ ki culeletsañ atla tsa me heloñ ga puelelo ga boitsepho ga gago. 3 U si ’nkhoge ua ’ntlosetsa le baikepi, le ka basiamolori; ba ba buañ kagisho le bañ ka bona, le mororo boshula bo le mo peluñ tsa bona. 4 Ba ruele kaha tihoñ tsa bona, le kaha boshuleñ yoa litiho tsa bona; ba ruele kaha tihoñ tsa atla tsa bona; bosetsa cuanelo ea bona go bona. 5 Gone ba sa eletloko litiho tsa ga Yehova, le esiñ tiho ea atla tsa gague, o tla ba rutla, mi a si ke a ba age. 6 Yehova a bakoe, gone a utluile koru ea merapelo ea me. 7 Yehova ki thata ea me, le thebe ea me; pelu ea me e mo ikantse, mi ki thusicoe; ki gona pelu ea me e itumelañ segolu; mi ki tla maka ka sehela sa me. 8 Yehova ki thata ea bona, mi ki ena thata ea puluko ea Motlorioi oa gague. 9 Buluka bathu ba gago, mi tsegahatsa boshua yoa gago; mi u ba hurise, mi u ba culetse ka bosina bokhutlo. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society