Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 24 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 24.
¶ Pesalem ea ga Davide.

1 LEHATSI ki ya ga Yehova, le botlalo yoa yeona; lehatsi, le ba ba agileñ mo go yeona.

2 Gone a le theile mo linokeñ, mi a le tlomamisa mo meroaleleñ.

3 Go tla tlatlogela mañ go thabeñ ea Yehova? khotsa go tla ema mañ mo heloñ ga gague ga boitsepho?

4 Ena eo o nañ le liatla tse liñtle, le pelu e e itsekileñ; le eo o sa culeletseñ moea oa gague mo thamakoñ, le eo o sa ikaneñ ka tsieco.

5 Eo, o tla bona tsegahaco go Yehova, le tsiamo mo Morimoñ oa puluko ea gague.

6 Losika lo ki loa bona ba ba o batlañ, ba ba batlañ hatlogo sa gago, Morimo oa Yakoba. Sela.

7 Lona likhoro, culetsañ tlogo tsa lona; mi culetsegañ, lona meyako e e sa khutleñ; gore khosi ea khalalelo e tsene.

8 Khosi ea khalalelo e mañ? Yehova, thata le bonatla, Yehova, bonatla mo tlabanoñ.

9 Lona likhoro, culetsañ tlogo tsa lona; mi culetsegañ, lona meyako e e sa khutleñ, gore khosi ea khalalelo e tsene.

10 Khosi ea khalalelo e mañ? Yehova oa lintua, ki ena khosi ea khalalelo. Sela.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan