Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 2.

1 BAETENI ba tseneloañ, mi bathu ba gakologeloa lilo tsa boithamako?

2 Likhosi tsa lehatsi lia ikemisa, mi balaori ba gakololana mogo go emalana le Yehova, le go emalana le Motlorioi oa gague, ba re,

3 A re khaoleñ lithapo tsa bona, mi re latle linti tsa bona go li tlosa go rona.

4 Eo o rutseñ mo legorimoñ o tla tsega; Morena o tla ba shotla.

5 Eriha gona o tla buañ le bona ka bogale yo bogolu yoa gague, mi o tla ba rera ka bogale yo bo boitsegañ yoa gague.

6 Leha gontse yalo ki tloritse khosi ea me mo Tsiona, thaba ea khalalelo ea me.

7 Ki tla bulela ga boikaelelo; Yehova o ’ntheile, Uena u Moroake, ki gu tsetse gompionu.

8 Lopa go ’na, mi ki tla gu naea Baeteni go na boshua yoa gago, le likhutlo tsa lehatsi go na boago yoa gago.

9 U tla ba phatlakanya ka tsama ea tsipe, mi u tla ba thubaganya yaka seyana sa mopi.

10 Ki gona yana, likhosi ki lona, nañ botlale; iteseñ lo rutoe, lona basekisi ba lehatsi.

11 Rihelañ Yehova ka poiho, mi itumeleñ ka thoromo.

12 Atlañ Moroa, gore a si galehe, mi loa nyelela mo tseleñ, mogañ bogale yoa gague bo tukañ go le gonye; go tsegaharicoe botle ba ba mo ikanyañ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan