Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 17 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 17.
¶ Morapelo oa ga Davide.

1 YEHOVA, utlua tsiamisho, elatloko pico ea me; retsa ka tsebe morapelo ea me, o o builoeñ ka lipounama tse ri sinañ tsieco.

2 A tsekisho ea me e coe ha pele ga gago; a maitlo a gago a lebe tse ri lekanañ.

3 U lekile pelu ea me, u ’ntekotse mo bosigoñ, u ’ntekile, mi ga ua bona sepe, kaga se ki se gopotseñ; mi molomo oa me ga o kitla o tlola.

4 Kaga litiho tsa bathu, ki ipuluki-le ka lehuku ya lipounama tsa gago mo tseleñ tsa mosenyi.

5 Tsegeletsa tsamao tsa me mo metlaleñ ea gago, gore likhato tsa me li si shutisioe.

6 Morimo, kia gu bitsa, gone u tla ’nkaraba; sekegela tsebe ea gago go ’na, mi utlua puo ea me.

7 Shupa tsalano ea gago ea lorato e e gakhamatsañ, uena eo o gololañ ka atla sa gago se se siameñ ba ba gu ikanyañ, mo go bona ba ba ba cogelañ.

8 ’Mpuluka yaka nyetse ea leitlo; ’ncuba mo murutiñ oa liphuka tsa gago,

9 Mo go sehatlogo sa baikepi ba ba ’nthopehatsañ, le baba ba me ba loshu, ba ba ’mphorileñ.

10 Ba khurumericoe ka mahura a bona; ba bua bopeluumpe ka melomo ea bona.

11 Yana ba rikanyeleritse tsamao ea rona; ba beile maitlo a bona go rona, ka go obamela ha hatsi;

12 O cuana yaka tau, e e eletsañ go thopa, le yaka tauana e rutse mo maheloñ a bosaitsioeñ.

13 Yehova, tloga u eme, tla a e si a tle, mo rige; golola moea oa me mo baikepiñ ka caka ea gago;

14 Mo bathuñ ka atla sa gago, Yehova, mo bathuñ ba e leñ ba lehatsi, ba boshua yoa bona bo leñ mo botseloñ yonu; ba limpa tsa bona u li tlatsañ ka khumo ea gago e e shubiloeñ; ba tletse bana, mi ba tlogelela banyana ba bona tse ri setseñ tsa bona.

15 Mi ’na, ki tla leba sehatlogo sa gago mo tsiamoñ; ki tla khora secuano sa gago, mogañ ki cogañ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan