Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 147 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 147.

1 BAKAÑ Yehova; gone go molemo go opelela Morimo oa rona pako; ka o ratega; pako e cuanetse.

2 Yehova o agelela Yerusalema; o phutha bahalarioi ba Yeserela.

3 O horisa ba ba pelu e thubegileñ; mi o hapa likuenesho tsa bona.

4 O bala palo ea linaleri; o li bitsa cotle ka maina.

5 Morena oa rona o mogolu, mi ki oa thata e kholu; tlaloganyo ea gague ga e na palo.

6 Yehova o kokotletsa ba ba pelunolo; o rigela baikepi ha hatsi.

7 Opelelañ Yehova maitumelelo ka phapanelo, opelelañ Morimo oa rona pako mo harepeñ.

8 O o khurumetsañ magorimo ka maru; o o etleletsañ lehatsi pula; o o tlogisañ boyañ mo lithabeñ;

9 O o naeañ likhomu lihulo tsa cona; le mahukuyana se a se lelelañ.

10 Ga o itumelele thata ea pitse; ga o nateheloe ki memo ea mothu.

11 Yehova o nateheloa ki ba ba moihañ; ba ba shuluhelañ mo boicuareloñ yoa gague.

12 Uena Yerusalema, baka Yehova; uena Tsiona, baka Morimo oa gago.

13 Gone o thatahatsa mephakelego ea likhoro tsa gago; o tsegahatsa bana ba gago mo teñ ga gago.

14 O agisa mo lithokoñ tsa lehatsi ya gago; o gu khorisa ka mabele a a nonneñ.

15 O roma taolo ea ona mo lehatsiñ; huku ya ona le yaila ka bonako.

16 O naea litlonu yaka boboea yoa eñku; o gasanya serame se se shueu yaka molora.

17 O konopa likaketla tsa gague yaka matlotlora; mañ eo o ka emelañ letseriri ya ona?

18 O roma huku ya ona, mi le li tlapolose; o hokisa pheho ea ona, metse a elele.

19 O itsise Yakoba lehuku ya ona; litaeo le litsiamisho go Yeserela.

20 Ga oa ka oa rihela yalo morahe ope; mi tsiamisho tsa ona ga e li itse. Haleluya.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan