Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 132 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 132.
¶ Sehela sa Litlatlologanyo.

1 YEHOVA, gopola Davide, la litlu-kuhaco tsa gague cotle.

2 Kaha o la a ikanela Yehova ka gona, kaha o la a ikanela Mothati oa Yakoba ka gona.

3 Amarure, ga ’nkitla ki tsena mo litenteñ tsa eintlu ea me, leha e le go tlatlogela go bolauñ yoa me;

4 Ga ’nkitla ki nela maitlo a me thobalo, le kotselo go lintsi tsa maitlo a me,

5 Go tlo go tsamaea ki bonela Yehova helo, ki bonela Mothati oa Yakoba boago.

6 Bonañ, re le ra utlua ga eona kua Eferata; re le ra e bona mo linageñ tsa Yearima.

7 Re tla tsena mo taberenakeleñ ea gague; re tla ikobela ha seruloñ sa nao tsa gague.

8 Yehova, emela mo boikhucoñ yoa gago; uena, le areke ea thata ea gago.

9 A baperiseti ba gago ba apare tsiamo; mi a baitsephi ba gago ba ruruetse ka boitumelo.

10 Si bose sehatlogo sa motlorioi oa gago, ka eintla ea ga Davide motlañka oa gago.

11 Yehova o ikanetse Davide mo boamarureñ; ga a kitla a e tlogela, a re, Ki tla lurisa ga louñuo loa mele oa gago mo seruloñ sa gago sa bogosi.

12 E tlare ha bana ba gago ba buluka kholagano ea me, le cupo tsa me tse ki tla li ba rutañ, bana ba bona le bona ba tla lula mo seruloñ sa gago sa bogosi ka bosina bokhutlo.

13 Gone Yehova o itseñketse Tsiona; o e eleritse go na boago yoa gague, a re,

14 E ki eona boikhuco yoa me ka bosina bokhutlo; ki tla aga monu, ki go eleritse.

15 Ki tla tsegahatsa liyo tsa eona segolu; ki tla khorisa batloki ba eona ka señkhue.

16 Baperiseti ba eona le bona, ki tla ba apesa ka puluko; baitsephi ba eona ba tla rurueletsa gorimo ki boitumelo.

17 Mi ki tla tlogisa lonaka loa ga Davide gona; ki etleleritse motlorioi oa me lobone.

18 Baba ba gague ki tla ba apesa ka litloñ; mi seroalo sa gague sa bogosi se tla thunya gorimo ga gague.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan