Lipesalema 130 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 130. ¶ Sehela sa Litlatlologanyo. 1 KI biletsa go uena ki le mo mateñeñ, Yehova. 2 Yehova, utlua koru ea me; a tsebe tsa gago li eletloko koru ea lithapelo tse ri thata tsa me. 3 Yehova, u kabo u lotolotsa tsiamololo; Yehova, go tla ema mañ? 4 Mi boicuarelo bo ha go uena, gore u boihoe. 5 Ki lebelela Yehova; moea oa me o lebelela; mi ki shuluhela mo hukuñ ya gague. 6 Moea oa me o lebelela Yehova, bogolu go bona ba ba lebelelañ mosho, E, ba ba lebelelañ mosho. 7 A Yeserela a shuluhele mogo Yehova, gone boicuarelo bo ha go Yehova, mi thekololo e kholu e ha go ena. 8 Mi o tla rekolola Yeserela mo tsiamololoñ tsa gague cotle. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society