Lipesalema 128 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 128. ¶ Sehela sa Litlatlologanyo. 1 GO tsegaharicoe moñue le moñue eo o boihañ Yehova; eo o tsamaeañ mo tseleñ tsa gague. 2 Gone u tla ya louñuo loa tiho tsa gago; u tla tsegaharioa, mi go tla na seiñtle le uena. 3 Mosari oa gago o tla na mo litla-kuriñ tsa eintlu ea gago, yaka setlare sa movine se se uñuañ; bana ba gago ba rikanyetsa lomati loa boyelo loa gago, yaka litlare tsa metluare. 4 Bonañ, monona eo o boihañ Yehova o tla tsegaharioa yalo. 5 Yehova o tla gu tsegahatsa go coa Tsiona; mi u tla bona molemo oa Yerusalema ka malatsi aotle a botselo yoa gago. 6 Mi u tla bona bana ba bana ba gago. A kagisho e ne go Yeserela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society