Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 127 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 127.
¶ Pesalem ea Litlatlologanyo ea ga Solomone.

1 HA Yehova a sa age eintlu, baagi ba eona ba rihela lehela; ha Yehova a sa buluke motse, barisi ba risetsa lehela.

2 Ki lehela go lona, go coga go sa le gale, go lula bosigo bo tsenye, go ya señkhue sa mahutsana; rure, o tla nela baratoi ba gague thobalo.

3 Bonañ, bana ki boshua yoa ga Yehova; louñuo loa sebopelo ki tuelo.

4 Yaka mecui mo atleñ tsa motlabani, bana ba bokau le bona bantse yalo.

5 Go tsegaharicoe monona eo tlobolo ea gague e tletseñ eona; ga ba kitla ba na litloñ mogañ ba buañ le baba mo khoroñ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan