Lipesalema 120 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 120. ¶ Sehela sa Litlatlologanyo. 1 KI le ka biletsa go Yehova mo tlaleloñ ea me, mi o la a ’nkaraba. 2 Yehova, golola moea oa me mo pounameñ tsa kako; mo lolemeñ loa tsieco. 3 Ana u tla neoañ, khotsa u tla riheloañ, uena loleme loa tsieco? 4 Mecui e e bogale ea motlabani, le magala a a teku a moyunepera. 5 Go latlega ’na, gone ki moeñ mo Meseka; gone ki agile mo litenteñ tsa Kedara. 6 Moea oa me ga o bolo aga le bona ba ba ilañ kagisho. 7 ’Na ki oa kagisho; mi ereha ki bua, ba rata tlabano. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society