Lipesalema 12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 12. ¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu, mo Sheminite. 1 YEHOVA, buluka, gone babopeluno-mi ba tlokahala; gone baikañoi ba ñotlahetse mo baneñ ba bathu. 2 Ba bua tsieco, moñue le moñue le moñ ka ena, ka lipounama tsa pakisho; ba bua ka lipelu li tu. 3 Yehova o tla khaola lipounama cotle tsa pakisho, le loleme lo lo buañ lilo tse ri kholu; 4 Ba ba reñ, Re tla henya ka liteme tsa rona; lipounama tsa rona ki tsa rona; mañ eo o leñ morena mo go rona? 5 Yana ki tla cogela thopehaco ea bahumanegi, le liphegelo tsa batloki, go bua Yehova; Ki tla maea mo pu-lukegoñ mo go eo o murulañ. 6 Mahuku a Yehova ki mahuku a a itsekileñ; ki selevera se se itsephisicoeñ mo bokepishoñ yoa ombu, se itsekisicoe ga seven. 7 Yehova, u tla ba buluka; u tla ba hemela mo sikeñ lo, ka bosina bokhutlo. 8 Baikepi ba tsamaea ka eintla cotle, ka bana ba bathu ba ba boshula bogolu bogolu ba gorisioa. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society