Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 118 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 118.

1 ITUMELELEÑ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.

2 Yana a Yeserela a re, Boicuarelo yoa gague, bo ka bosina bokhutlo.

3 A eintlu ea ga Arone, e re yana, Boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.

4 A ba ba boihañ Yehova, yana ba re, Boicuarelo yoa ga Yehova bo ka bosina bokhutlo.

5 Ki le ka bitsa Yehova, ki le mo tlaleloñ; Yehova o la a ’nkaraba, mi a ’mpaea mo go atlameñ.

6 Yehova o na le ’na, ga ’nkitla ki boiha; ana mothu o ka ’ntihañ?

7 Yehova o na le ’na mo go ba ba ’nthusañ; ki gona ki tla bonañ keleco ea me go bona ba ba ’nkilañ.

8 Go molemo bogolu go tsabela go Yehova mo go go ikanya mothu.

9 Go molemo bogolu go tsabela go Yehova mo go go ikanya likhosana.

10 Merahe eotle e le ea ’ntikanyeletsa; mi ki le ka e senya mo ineñ ya ga Yehova.

11 Ba ’ntikanyeletsa, E, ba ’ntikanyeletsa; mi ka ba senya mo ineñ ya ga Yehova.

12 Ba ’ntikanyeletsa yaka lintsi tsa linotse; ba tiñoa yaka molelo oa mitlua; mi ka ba senya mo ineñ ya ga Yehova.

13 U lu ua ’nkorometsa thata, gore ki oe, mi Yehova o ’nthusitse.

14 Yehova ki thata ea me, le sehela sa me, o rihegile puluko ea me.

15 Koru ea boitumelo, le puluko, e mo litenteñ tsa basiami; atla se se siameñ sa ga Yehova se riha tiho tse ri bonatla.

16 Atla sa ga Yehova se gorisicoe; atla se se siameñ sa ga Yehova se riha tiho tsa bonatla.

17 Ga ’nkitla ki shua; ki tla tsela; mi ki tla bulela litiho tsa ga Yehova.

18 Yehova o ’nkoatlaile segolu; mi ga a ka a ’nnelela loshuñ.

19 ’Mpulela likhoro tsa tsiamo; ki tla tsena go cona, ki tla baka Yehova.

20 E ki khoro ea ga Yehova, e basiami ba tla tsenañ ka eona.

21 Ki tla gu baka, gone u ’nkarabile, mi u rihegile puluko ea me.

22 Leincue ye le latliloeñ ki baagi le rihegile motheo oa khokhoco.

23 Se, se rihiloe ki Yehova, mi sea gakhamatsa mo maitloñ a rona.

24 Ye ke tsatsi ye Yehova o le rihileñ; re tla itumela re tlapeloa mo go yeona.

25 Au Yehova! yana naea puluko; au Yehova! yana naea bocoelelo pele.

26 Go tsegaharioa eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehova; rea lo tsegahatsa go coa mo tluñ ea ga Yehova.

27 Morimo ki Yehova eo o re bontsitseñ leseri; golegela cupelo ka likhole mo nakeñ tsa aletara.

28 U Morimo oa me, mi ki tla gu baka; u Morimo oa me, mi ki tla gu gorisa.

29 Itumeleleñ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan