Lipesalema 111 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 111. 1 BAKAÑ Yehova. Ki tla baka Yehova ka pelu ea me eotle; mo khakololoñ le mo phuthegoñ ea basiami. 2 Litiho tsa ga Yehova li kholu; li botsisioa ki bona botle ba ba nateheloañ ki cona. 3 Tiho ea gague ki bonatla yo boiñtle le khalalelo; mi tsiamo ea gague e na ka bosina bokhutlo. 4 O rihetse tiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go gopoloa; Yehova o pelunomi le boutluelo botluku. 5 O naea ba ba moihañ liyo; o gopola kholagano ea gague ka bosina bokhutlo. 6 O itsisitse bathu ba gague thata ea litiho tsa gague; gore a ba nee boshua yoa baeteni. 7 Litiho tsa atla tsa gague, ki boamarure le tsekisho; litaolo cotle tsa gague li boikanyo. 8 Li eme ka tlomamo ka bosina bokhutlo; li rihiloe mo boamarureñ le tsiamo. 9 O la a romela bathu ba gague khololo; o laoletse kholagano ea gague ka bosina bokhutlo; leina ya gague le khalalelo le poitsego. 10 Poiho ea ga Yehova ki tsimologo ea botlale; botle ba ba rihañ yaka eona, ba na le tlaloganyo ea molemo; pako ea gague e tla na ka bosina bokhutlo. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society