Lipesalema 11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 11. ¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu. 1 KI ikanya Yehova; lo relañ moea oa me, Hohela kua thabeñ ea gago yaka nunyane? 2 Gone, bonañ, baikepi ba laeela bora yoa bona, ba bakanya mecui ea bona mo losikeñ loa bora, gore ba hulele ba pelu tsa tsiamo mo hihiñ. 3 Amarure metheo ea señoa, mosiami o ka rihañ? 4 Yehova o mo heloñ ga gague ga boitsepho; serulo sa bogosi sa ga Yehova se mo legorimoñ; maitlo a gague a leba, lintsi tsa maitlo tsa gague li leka bana ba bathu. 5 Yehova o leka basiami, mi baikepi le eo o ratañ tsenyo, moea oa gague oa ba ila. 6 O tla nesa likharima, le mulelo, le sulefura mo baikepiñ; le moroalela oa pheho o o boitsegañ o tla na kabelo ea senoelo sa bona. 7 Gone Yehova o siame, o rata litsiamo; sehatlogo sa gague se leba basiami. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society