Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 109 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 109.
¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu.

1 MORIMO oa pako ea me, si ririmale;

2 Gone melomo ea baikepi, le melomo ea batsietsi, e ’nkatlametse; ba buile kaga me ka loleme lo lo akañ.

3 Ba ’ntikanyeletsa ka mahuku a kilo; mi ba tlabana le ’na, ki sina molatu.

4 Ba baganetsi ba me ka eintla ea lorato loa me; mi ’na, ki mo thapeloñ.

5 Ba ’ntuela molemo ka boshula; le lorato loa me ka kilo.

6 Emisa moikepi gore a mo laole; mi a Satane a eme ha atleñ sa gague se se siameñ.

7 Ere a sekisioa, a a latuharioe, mi a morapelo oa gague o ne boleo.

8 A malatsi a gague a ne manye; mi a moñue a cule tihelo ea gague.

9 A bana ba gague ba ne likhutsana, mi mosari oa gague e ne motlolagari.

10 A bana ba gague ba ne bakuirii, le bakopi ka gale; a ba kope khakala le matlotla a bona.

11 A matli molatu a tlose cotle tse o nañ naco; mi a baeñ ba thope ma-thata a gague.

12 A go si ne ope eo o mo rihelañ boicuarelo; mi a go si ne ope eo o utluelañ likhutsana tsa gague botluku.

13 A bana ba gague ba ba mo rularañ ba khaoloe; mi a leina ya bona le tlosioe mo sikeñ lo lo rularañ.

14 A Yehova a gakologeloe tsiamololo ea bo‐rague; mi a boleo yoa mague bo si tlosioe.

15 A li ne ka gale ha pele ga Yehova, gore a khaole khopolo kaga bona mo lehatsiñ;

16 Gone a si ka a gakologeloa go shupetsa boicuarelo, mi a bogisitse monona oa khumanego le oa botloko; gore a bolaee eo pelu e thubegileñ.

17 Yaka a ratile thogako, a e hitle go ena; yaka a si ka a rata go tsegahatsa, a e ne khakala go ena yalo.

18 Yaka a ikapesitse ka thogako, yaka ka seaparo sa gague, a e tsene mo maleñ a gague yaka metse, le yaka loukuane mo marapoñ a gague.

19 A e ne go ena yaka seaparo se o ikapesañ ka shona, le go na moitlamo o o itlamañ ka ona ka gale.

20 A se, e ne tuelo ea baganetsi ba me e coa go Yehova; le ea ba ba buañ boshula kaga moea oa me.

21 Mi Yehova Morena, ’nthusa ka eintla ea leina ya gago; ka le mororo boicuarelo yoa gago bo le molemo, ’nkholola.

22 Gone ki humanegile, kia tloka; mi pelu ea me e tlabiloe mo teñ ga me.

23 Kia ea yaka muruti o o ñotlegañ; ki kharakhatsioa yaka tsie.

24 Mañuole a me a reketlesioa ki go bisa go ya; mi nama ea me ga e na monono.

25 Ki se se khoyoañ mo go bona; eare ba ’nteba ba thukhuthe tlogo tsa bona.

26 ’Nthusa, Yehova, Morimo oa me; ’mpuluka kaha boicuareloñ yoa gago;

27 Gore ba itse ha se e le atla sa gago; ha e le uena, Yehova, eo o se rihileñ.

28 A ba rogake, mi uena tsegahatsa; ere ha ba tloga ba ema, a ba tlayoe ki litloñ; mi motlañka oa gago ena a a itumele.

29 A baganetsi ba me ba apesioe ka litloñ; mi a ba ikhurumetse ka tsilohalo ea bona, yaka ka kobo.

30 Ki tla baka Yehova segolu ka molomo oa me; mi ki tla mmaka mo gareñ ga bontsi.

31 Gone o tla ema ha atleñ se se siameñ sa motloki, go mo golola go bona ba ba sekisañ moea oa gague.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan