Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 107 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


PESALEM 107.

1 ITUMELELEÑ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.

2 A barekoloroi ba ga Yehova ba bue yalo; ba o ba rekolotseñ mo atleñ sa maba;

3 Ba o ba phuthileñ mo mahatsiñ; go coa Iseta le Ueseta, go coa Noretha le Southa.

4 Ba ba timelañ mo hatsiñ ya lokhere, ye le borutu, mi ba si ka ba bona motse ope go aga mo go ona;

5 Ba le tlala le lenyora, meoea ea bona e iribala mo go bona;

6 Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi a ba golola mo litlaleloñ tsa bona;

7 Mi o ba goga ka tsela ea tsiamo; gore ba ee kua motseñ oa boago.

8 A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.

9 Gone o khorisitse moea o o nyoriloeñ; mi o tlatsa moea o o tlala ka molemo.

10 Ba ba agileñ mo hihiñ, le mo murutiñ oa loshu, ba golegiloe ka pogisho le tsipi;

11 Gone ba le ba ganela le litaolo tsa Morimo, mi ba cuitla khakololo ea Mogorimo oa bogorimo bogolu;

12 Ki gona o loa nolahatsa pelu tsa bona ka tapisho, ga tsamaea ba oa ba sina mothusi;

13 Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba buluka mo litlaleloñ tsa bona;

14 O ba entsa mo hihiñ, le murutiñ oa loshu; mi o komaganya kholego tsa bona.

15 A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.

16 Gone o robagantse likhoro tsa khotlo, mi a remaganya mephakalego ea tsipi liketla.

17 Masilo a berioa ka eintla ea litlolo tsa bona, le ka eintla ea litsiamololo tsa bona.

18 Meoea ea bona e ila liyo cotle, mi ba atamela khoro tsa loshu;

19 Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba golola mo litlaleloñ tsa bona.

20 O roma lehuku ya gague, mi o ba horisa; mi o ba shuabola mo tsenyegoñ tsa bona.

21 A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.

22 Mi a ba shupele licupelo tsa boitumelelo, le go bulela litiho tsa gague ka turueco.

23 Bona ba ba hologelañ go leoatle mo lishepeñ, ba tiho tsa bona li leñ mo metseñ a magolu;

24 Ba, ba bona litiho tsa ga Yehova, le likhakhamaco tsa gague mo boteñeñ;

25 Gone o laola, mi o cosa moroalela oa pheho, o o culeletsañ lintelo tsa yeona gorimo.

26 Ba tlatlogela kua gorimo, ba ba ba hologela mateñeñ; meoea ea bona e tlapololoa ki tlalelo;

27 Ba bina ba theekela yaka monona eo o tagiloeñ, mi botlale yotle yoa bona boa siloharioa.

28 Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba entsa mo litlaleloñ tsa bona.

29 O hetola moroalela, oa ema oa sisibala, ga tsamaea lintelo tsa ona tsa ririmala.

30 Eriha gona ba itumelañ, gone li sisibaricoe, mi o ba gogela boemoñ yoa keleco ea bona.

31 A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.

32 A ba mo gorise mo phuthegoñ ea bathu; le go mmaka mo phuthegoñ ea bagolu.

33 O hetola melapo lokhere; le mecoeri ea metse hatsi ya komelelo;

34 Lehatsi ye le uñuañ ya na loubu; ka eintla ea boleo yoa ba ba agileñ mo go yeona.

35 O hetola lokhere megobe ea metse, mi hatsi ya komelelo mecoeri ea metse;

36 Mi o agisa ba ba tlala gona, gore ba itleletse motse go na boago;

37 Mi ba yala masimo, ba tloma masimo a movine, a a ka uñuañ mauñuo ka totahalo.

38 Mi o ba tsegahatsa, mi ba intsihala segolu; mi ga o leseletse likhomu tsa bona go intsihologa.

39 Gape ba ñotlahala, mi ba nolaharioa ka eintla ea patiko, pogisho, le bohutsana;

40 O gorometsa lonyaco mo likhosaneñ, mi o ba timetsa mo hatsiñ ya lokhere ha tsela e sieoñ gona.

41 Mi o entsa batloki mo pogishoñ, o ba baea mo heloñ ha go gorimo; mi o riha litsika go na go cuana le lecomane.

42 Basiami ba bona mouo, mi ba itumela, mi tsiamololo eotle e tsiba molomo oa eona.

43 Leha ele mañmañ eo o tlalehileñ le go ela lilo tse tloko, eo ontseñ yalo o tla tlaloganya tsalano ea lorato ea ga Yehova.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan