Lipesalema 106 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)PESALEM 106. 1 BAKAÑ Yehova; itumeleleñ Yehova; gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo. 2 Mañ eo o ka bulelañ tiho tsa bonatla tsa ga Yehova, khotsa go bonatsa pako ea gague eotle? 3 Go tsegaharicoe ba ba bulukañ tsekisho; eo o rihañ tsiamo ka metla eotle. 4 U ’nkhopole, Yehova, ka natehalo e u nañ naeo go bathu ba gago; ’ntekola ka puluko ea gago; 5 Gore ki bone molemo oa baitseñkeroi ba gago; gore ki itumele ka boitumelo yoa bathu ba gago, gore ki belahale le boshua yoa gago. 6 Re leohile le bo‐rra ecu; re rihile ka cokamo, re rihile ka boikepo. 7 Bo‐rra ecu ga ba ka ba tlaloganya likhakhamaco tsa gago kua Egepeto; ga ba ka ba gopola bontsi yoa maicuarelo a gago; mi ba gu gakatsa kua leoatleñ, ha Leoatleñ ye le Hubiru. 8 Leha gontse yalo a ba buluka ka eintla ea leina ga gague; gore a itsise thata ea bonatla yoa gague. 9 A galehela Leoatle ye le Hubiru, mi ya omelela; mi a ba ralatsa mo mateñeñ, yaka mo gareñganaga. 10 A ba golola mo atleñ sa eo o ba ilañ; mi a ba rekolola mo atleñ sa maba. 11 Mi metse a khurumetsa baba ba bona; go si ka ga sala ope oa bona. 12 Eriha gona ba rumelañ mahuku a gague; ba opela pako ea gague. 13 Ba akoha ba lebala tiho tsa gague; ba si ka ba lebelela khakololo ea gague. 14 Mi ba khatlega ka khatlego e kholu mo gareñganaga; mi ba raela Morimo mo lokhereñ. 15 Eriha gona o ba naeañ keleco ea bona; mi a roma pobolo e e gopañ mo go bona. 16 Ba pelutsetlahalela Moshe, le mo patleloñ; le Arone, moitsephi oa ga Yehova. 17 Lehatsi ya bulega, mi ya metsa Dathane, mi ya khurumetsa leshomo ya ga Abirame. 18 Molelo oa timegoa mo shomoñ ya bona; khabu ea hisa ea nyeletsa baikepi. 19 Ba riha namane kua Horeba, mi ba obamela secuano se se tsecoeñ. 20 Mi ba hetola khalalelo ea bona secuano sa khomu e e yañ boyañ. 21 Ba lebala Morimo o o loa ba buluka; o o loa riha tiho tse ri kholu mo Egepetoñ; 22 Litiho tse ri gakhamatsañ mo hatsiñ ya Hama, lilo tse ri boitsegañ ha Leoatleñ ye le Hubiru. 23 Ki gona o loa re, O tla ba senya; ha Moshe, moitseñkeroi oa ona, a la si ka a ema mo bothoboñ ha pele ga ona, go bosa bogale yoa ona, gore o si ba senye. 24 Le gona ba nyatsa lehatsi ye le eletsegañ; ba si ka ba rumela lehuku ya ona; 25 Mi ba ñoñorega mo tenteñ tsa bona; ba si ka ba utlua koru ea ga Yehova. 26 Ki gona o la a culetsa atla sa gague, mi a ikana ha a tla ba rigela kua gareganaga; 27 Go rigela losika loa bona mo baeteniñ, le go ba halatsa mo mahatsiñ. 28 Le gona ba ikopanya le Baala Peora; mi ba ya licupelo tsa bashui. 29 Mi ba mo tlotleletsa bogaleñ ka tiho tsa boshula tsa bona; mi pobolo e e gopañ ea phanyega mo go bona. 30 Eriha gona Finehase o tlogañ a ema, a riha tsekisho; mi pobolo e e gopañ ea thiyoa. 31 Mi e baleloa tsiamo go ena, mo tsikatsikeñ, le ka bosina bokhutlo. 32 Mi ba mo gakatsa segolu mo metseñ a Meriba; mi ga na boshula le Moshe ka eintla ea bona; 33 Gone ba galakisa moea oa gague, ga tsamaea a bua go sa gopoloañ ka lipounama tsa gague. 34 Ba si ka ba senya merahe, yaka Yehova a la a ba laotse; 35 Mi ba itlakanya le baeteni, mi ba ithuta tiho tsa bona; 36 Mi ba rihela merimo ea liseto ea bona, e e le le seru go bona; 37 Gone ba shupela bomoroa bona, le bomoroaria bona go bademoni; 38 Mi ba culola mari a a sinañ molatu, mari a bomoroa bona, le a bomoroaria bona, ba ba ba shupetseñ cuanco tsa merimo tsa Kanana: mi lehatsi ya itsephololoa ki mari. 39 Mi ba iitsepholola ka tiho tsa bona; mi ba gokahala ka tiho tsa bona. 40 Ki gona, bogale yoa ga Yehova bo le yoa tukela bathu ba gague, ga tsamaea a ila boshua yoa gague. 41 Mi a ba nela mo atleñ tsa baeteni; mi ba ba ba ilañ ba na babusi ba bona. 42 Mi baba ba bona ba ba patika; mi ba nolahalerioa mo atleñ sa bona. 43 O la a ba golola ka gantsi; leha gontse yalo ba mo gakatsa ka khakololo ea bona, mi ba ñotloa ki tsiamololo ea bona. 44 Leha gontse yalo a leba tlalelo ea bona, ka a utlua pico ea bona. 45 Mi a ba gopolela kholagano ea gague; mi a ba ikuatlaela kaha bontsiñ yoa maicuarelo a gague; 46 Mi a ba riha go utlueloa botluku ki bona botle ba ba ba cuereñ bagolegoi. 47 Re buluke, Yehova, Morimo oa rona, mi u re phuthe mo baeteniñ; gore re itumelele leina ya gago ya boitsepho, le go belahala mo pakoñ ea gago. 48 Go bakoe Yehova, Morimo oa Yeserela, ga bosina bokhutlo le go bosina bokhutlo. Mi a bathu botle ba re, Amena. Bakañ Yehova. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society