Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipalo 13 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 13.

1 MI Yehova a bua Moshe, a re,

2 U rome banona, gore ba keleke hatsi ya Kanana, ye ki le naeañ bana ba Yeserele: lo rome monona moñue oa loco loñue le loñue loa bo‐rabo, a moñue le moñue oa bona a ne khosana.

3 Mi Moshe a ba roma ka molomo oa ga Yehova go coa mo bogareñganaga yoa Parana: banona botle ba e le le tlogotlogo tsa bana ba Yeserele.

4 Mi ua e le le maina a bona: Shamue moroa Sakure, oa loco loa ga Rubene.

5 Shafete moroa Hore, oa loco loa ga Simeone.

6 Kalebe moroa Yefune, oa loco loa ga Yude.

7 Igale moroa Yosefe, oa loco loa ga Yisakare.

8 Hoshee moroa Nune, oa loco loa ga Eferaime.

9 Palete moroa Rafue, oa loco loa ga Benyamine.

10 Gadiele moroa Sode, oa loco loa ga Sebulone.

11 Gade moroa Suse, oa loco loa ga Yosefe, eboñ oa loco loa ga Manase.

12 Amiele moroa Gemale, oa loco loa ga Dane.

13 Seture moroa Mikaele, oa loco loa ga Ashure.

14 Nahebe moroa Vafase, oa loco loa ga Nafetale.

15 Geuele moroa Make, oa loco loa ga Gade.

16 Auo ki maina a banona ba Moshe o ba romañ go keleka lehatsi. Mi Moshe a bitsa Hoshee moroa Nune, Yehoshue.

17 ¶ Mi Moshe a ba roma go keleka lehatsi ya Kanana, mi a ba raea, Eañ tseleñ e e eintleñ ea Souta, mi tlatlogelañ mo thabeñ:

18 Mi lekolañ lehatsi yaka lentse; le bathu ba ba nntseñ go yeona, ha e le ba ba thata khotsa ba ba bororobe, banye khotsa bantsi;

19 Le lehatsi yaka lentse, ye ba nntseñ go yeona, ha e le molemo khotsa boshula; le metse yaka entse e ba nntseñ go eona, ha ba le mo litenteñ, khotsa mo kagoñ tsa phemelo;

20 Le lehatsi yaka lentse, ha e le nono khotsa koruahalo, ha litlare li go yeona khotsa nya. Mi thatahalañ, mi lereñ ga louñuo loa lehatsi. Mi metla euo e le le metla ea louñuo loa movina loa eintla.

21 ¶ Mi ba ea ba keleka lehatsi, go simolola ka bogareganaga yoa Tsina le kua Rehoba, ha tseleñ e eañ Hamata.

22 Mi ba ea eintleñ ea Souta, ba hitla go Heberona; mi Ahimane, le She-shae, le Talamae, bana ba ga Anake ba le gona. (Mi Heberona o lo oa agoa nyaga li seven pele Tsoana oa Egepeto o e si o agoe.)

23 Mi ba hitla ha molacoaneñ oa Eshekola, mi ba sega gona kala le lerose le leñue ya louñuo loa movina, mi ba le belega gare ga ba tu ka ñaro: mi ba lere ga ligeranata le lifeige.

24 Helo hoñ go le go birioa molacoana oa Eshekola, ka eintla ea lerose ya movina ye bana ba Yeserele ba le ba le sega gona.

25 ¶ Mi ba boea kelekoñ ea lehatsi morago ga malatsi a forte.

26 Mi ba ea, mi ba tla go Moshe le Arone, le kokoano eotle ea bana ba Yeserele, mo bogareñganaga yoa Parana, ha go Kadesha; ba ba leretse lehuku, le kokoano eotle, mi ba ba bontsa louñuo loa lehatsi.

27 Mi ba mulelela, ba re, Re hitlile mo hatsiñ ye u re rometseñ go yeona, mi amarure, le ela mashi le linotse; mi lo ki louñuo loa yeona.

28 Leha gontse yalo, ba ba nntseñ mo lehatsiñ yeuo ba thata, mi metse e hemecoe, mi e megolu bogolu: mi le bana ba ga Anake re ba bonye gona.

29 Baamaleka ba nntse mo hatsiñ ya Souta: mi Baheta, le Bayebusa, le Baamora, ba nntse mo lithabeñ: mi Bakanana ba nntse ha leoatleñ, le ha losiñ loa Yoredane.

30 Mi Kalebe a ririmatsa bathu ba ha pele ga Moshe, mi a re, A re eleñ rure, re le rue; gone re ka le nonohela rure.

31 Mi banona ba ba le ba ea nae, ba re, Ga rea nonoha go ea bathuñ ba; gone ba thata go rona.

32 Mi ba entsetsa bana ba Yeserele tumeri ea boshula ea lehatsi ye ba le kelekileñ, ba re, Lehatsi ye re le ra ralala go le keleka, ki lehatsi ye le nyeletsañ banni ba yeona: mi banona botle ba re ba bonyeñ go yeona, ki banona ba balele.

33 Mi ra bona merobana gona, bomoroa Anake oa merobana: mi re le rentse yaka tsie mo maitloñ a rona, mi re le rentse yalo mo maitloñ a bona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan