Levitiko 11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 11. 1 MI Yehova a bua le Moshe le Arone, a ba raea; 2 Buañ le bana ba Yeserele, lo re, Tse ri tserileñ tse lo ka li yañ ki tse, ga tse ri tserileñ cotle tse ri mo hatsiñ. 3 Cotle tse ri tserileñ tse ri patologanyañ tlaku, li liphata, tse ri otlañ, lo ka li ya. 4 Leha gontse yalo, lo si ye tse ri otlañ hela, khotsa tse ri litlaku li liphata hela: yaka kamela, gone e otla, mi ga e patologanye tlaku; e lo itsekologetse. 5 Le pela, gone e otla, mi ga e patologanye tlaku; e lo itsekologetse. 6 Le mutla, gone o otla, mi ga o patologanye tlaku; o lo itsekologetse. 7 Le kolobe, gone e patologanya tlaku hela, mi e le liphata, mi ga e otle; e lo itsekologetse. 8 Lo si ye ga nama ea cona, mi lo si ame litoto tsa cona; li lo itsekologetse. 9 Tse lo ka li ya ga cotle tse ri mo linokeñ: cotle tse ri mo linokeñ, le mo maoatleñ, le mo melapoñ, tse ri nañ le mabogo le makape, lo ka li ya. 10 Mi cotle tse ri sinañ mabogo le makape mo maoatleñ, le mo melapoñ, tsa cotle tse ri tsikinyegañ mo linokeñ, le tsa cotle tse ri tserileñ tse ri mo linokeñ, li ne maila go lona: 11 E, a li ne maila go lona; lo si ye ga nama ea cona, mi lo kaee litoto tsa cona maila. 12 Cotle tse ri sinañ mabogo le makape, mo linokeñ, li ne maila go lona. 13 ¶ Mi tse ki cona tse lo li kaeañ maila tsa linunyane; a li si yeoe, li maila: eboñ leshoane, le khonyaitlo, le khotoboloe, 14 Le leñkhueri, le malelakokuane kaha sikeñ loa eona; 15 Le mahukubu aotle kaha tsikeñ tsa aona; 16 Le ence, le lerololoane, le noñ ya baroa, le encui kaha sikeñ loa eona; 17 Le kokolohutoe, le itametsa, le khoarire; 18 Le leüañ, le khukara, le bibiñ; 19 Le tlañue, le mogolori kaha sikeñ loa ona, le lethacane, le mamathuane. 20 Tse ri hohañ cotle tse ri kokotlañ, tse ri tsamaeañ ka menoto e for, li ne maila go lona. 21 Leha gontse yalo, tse lo ka li ya ga tse ri hohañ tse ri kokotlañ, cotle tse ri tsamaeañ ka memo e for e e gorimo ga menoto ea cona, go kopa hatsiñ ka eona; 22 Tse ki tsa cona tse lo ka li yañ: tsie kaha sikeñ loa eona, eboñ solega-ma kaha sikeñ loa shona, le kharegola kaha sikeñ loa eona, le khagaba kaha sikeñ loa eona. 23 Me tse ri hohañ tse ri kokotlañ cotle, tse ri nañ le mautu a for, li ne maila go lona. 24 Mi lo tla itsekololoa kaga tseuo: leha e le mañmañ eo o tla amañ toto tsa cona, a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 25 Mi leha e le mañmañ eo o culañ ga toto tsa cona, a a tlacue aparo tsa gague, mi a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 26 Tse ri tserileñ cotle tse ri patologanyañ tlaku, mi li si liphata, mi li sa otle, li lo itsekologele: moñue le moñue eo o li amañ a a itsekologe. 27 Mi cotle tse ri tsamaeañ ka maro a cona, tsa tse ri tserileñ cotle, tse ri tsamaeañ ka a for, tseuo, li lo itsekologele; leha e le mañmañ eo o tla amañ toto tsa cona, a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 28 Mi eo o culañ ga toto tsa cona, a a tlacue aparo tsa gague, mi a a itsekologe go ea matsiboeeñ; li lo itsekologele. 29 ¶ Tse le cona li lo itsekologele, tsa ligagabi tse ri gagabañ ha hatsi: eboñ serathi, le peba, le khuru kaha sikeñ loa eona. 30 Le khapu, le tlantlape, le gopane, le moricoe, le serunya. 31 Tse li lo itsekologele mo go cotle tse ri gagabañ: leha e le mañmañ eo o li amañ, li sina shua, a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 32 Mi leha e le eñ le eñ, li se oelañ li sina shua, se itsekologe, leha e le sa logoñ, khotsa seaparo, khotsa letlalo, khotsa khetsi, leha e le señue le señue tiho e rihoa ka shona, a se tseñoe mo metseñ, mi se itsekologe go ea matsiboeeñ; mi yalo se tla itseka. 33 Mi señue le señue sa lecopa, se eñue ea cona e oetseñ go shona, cotle tse ri mo go shona li itsekologe, mi shona lo se rabanye. 34 Liyo cotle tse ri ka yeoañ, tse metse auo a tlañ go cona, li itsekologe: mi noo eotle e e ka nooañ mo linoeloñ cotle tseuo, e itsekologe. 35 Mi señue le señue se, sa toto tsa cona se se oelañ, se itsekologe; leha e le eintlu ea peseco, khotsa matlapa a peseco, a li thuyoe; li itsekologile, mi li lo itsekologele. 36 Leha gontse yalo, mocoeri, khotsa seriba se se metse a magolu se tla itseka: mi eo o amañ toto tsa cona a a itsekologe. 37 Mi ha señue sa toto tsa cona se oela mo peuñ e e tla yaloañ, e, e tla bo e le itseko. 38 Mi ha metse a theloa mo peuñ, mi señue sa toto tsa cona se e oela, a e lo itsekologele. 39 Mi ha se se tserileñ señue se lo ka se yañ se shua; eo o amañ toto sa shona, a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 40 Mi eo o yañ ga toto sa shona, a a tlacue aparo tsa gague, mi a a itsekologe go ea matsiboeeñ, le ena eo o culañ toto sa shona, a a tlacue aparo tsa gague, mi a a itsekologe go ea matsiboeeñ. 41 Le ligagabi cotle tse ri gagabañ ha hatsi, li maila; a li si yeoe. 42 Cotle tse ri lelemelañ ka empa tsa cona, le cotle tse ri tsamaeañ ka mautu a for, khotsa cotle tse ri mautu mantsi mo ligagabiñ, tse ri gagabañ cotle ha hatsi, tse lo si li ye; gone li maila. 43 Lo si itihe maila ka segagabi sepe se se gagabañ, le gona si iitsekololeñ ka cona, go itsekololoañ ka cona. 44 Gone ki Yehova Morimo oa lona: ki gona itsephiseñ, gore lo tsephe; gone ki itsepho: le gona si iitsekololeñ ka segagabi sepe se se gagabañ ha hatsi. 45 Gone ki Yehova eo o lo hurutsañ mo hatsiñ ya Egepeto, go na Morimo oa lona: ki gona nañ itsepho: gone ki itsepho. 46 Ouo ki molao oa tse ri tserileñ, le oa linunyane, le oa tse ri tserileñ cotle tse ri tsikinyegañ mo linokeñ, le oa tse ri tserileñ tse ri gagabañ ha hatsi. 47 Go lomologanya gare ga tse ri sa itsekañ, le tse ri itsekileñ, le ha gare ga se se tserileñ se se ka yeoañ, le se se tserileñ se se sa yeoeñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society