Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Levitiko 10 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 10.

1 MI Nadabe le Abihue bomoroa Arone, moñue le moñue oa bona a tsaea leisho ya gague ya molelo, mi a tsenya molelo go shona, mi a baea ensense go ona, mi a isa molelo o sele ha pele ga Yehova, o o sa o ba laolelañ.

2 Mi ga coa molelo go Yehova, o ba nyeletsa, mi ba shuela ha pele ga Yehova.

3 Mi Moshe a raea Arone, Se ki shona se Morimo o se buileñ oa re, Ki tla tsephisioa ki bona ba ba ’nkatamelañ, mi ki tla galalerioa ha pele ga bathu botle. Mi Arone a ririmala.

4 Mi Moshe a bitsa Mishaele le Eletsafane, bomoroa Usiële malomague Arone, a ba raea, Atamelañ, tlosañ bana ba rra‐enu ha pele ga helo ga boitsepho, ba iseñ eintle ga botlaolelo.

5 Mi ba atamela mi ba ba entsetsa kua eintle ga botlaolelo le litunika tsa bona, yaka Moshe a buile.

6 Mi Moshe a raea Arone, le Eleasare le Itamare, bomoroaue, Lo si role tlogo tsa lona, le esiñ go gagola aparo tsa lona, gore lo si shue, le bogale yoa tla mo kokoanoñ eotle: mi a bana ba rra‐enu, eboñ ba eintlu ea Yeserele botle ba lelele phisho e Yehova o e hisitseñ.

7 Mi lo si coe moyakoñ oa tenta ea kokoanelo, gore lo si shue: gone loukuane loa tlolo loa ga Yehova lo go lona. Mi ba riha yaka lehuku ya ga Moshe.

8 ¶ Mi Yehova a bua le Arone, a re,

9 Si noeñ boyaloa yoa vine le boyaloa yo bo thata, uena, le esiñ bomoroau nau, ha lo tsena mo tenteñ ea kokoanelo, gore lo si shue: a e ne taeo e e sa khutleñ mo kokomaneñ tsa lona:

10 Le go lomologanya gare ga boitsepho le boitsephologo, le gare ga boitsekologo le boitseko;

11 Le go ruta bana ba Yeserele litaeo tse Yehova o li buileñ le bona ka Moshe.

12 ¶ Mi Moshe a bua le Arone, le Eleasare le Itamare, bomoroaue ba ba setseñ; Tsaeañ cupelo ea liyo e e setseñ ga cupelo ea molelo ea ga Yehova, mi e yeñ e sa berisioa ha aletareñ, gone e itsepho ea maitsepho:

13 Mi lo e yele mo heloñ ga boitsepho, ecua e le kabelo ea gago e e laocoeñ, le kabelo ea bomoroau e e laocoeñ ea cupelo ea molelo ea ga Yehova: gone ki laocoe yalo.

14 Mi sehuba sa kelero le lecogo ya culeco lo li yele mo heloñ ga boitseko; uena, le bomoroau, le bomoroariu nau: gone ki kabelo ea gago e e laocoeñ, le kabelo ea bomoroau e e laocoeñ, e lo e necoeñ ga cupelo tsa tebogo tsa bana ba Yeserele.

15 Lecogo ya culeco le sehuba sa kelero, le cupelo tsa molelo ea mahura, tse ba li tlisañ go li kelelera cupelo ea kelero ha pele ga Yehova: li tla na tsa gago le tsa bomoroau nau, ka taeo e e sa khutleñ; yaka Yehova a laotse.

16 ¶ Mi Moshe a batla ka tloahalo pori ea cupelo ea boleo, mi bonañ e le ea hisioa: mi a yayaregela Eleasare le Itamare, bomoroa Arone ba ba setseñ, a re,

17 Lo lo sa yeleleñ cupelo ea boleo mo heloñ ga boitsepho; ecua e le itsepho ea maitsepho, mi lo e neiloe go belega tsiamologo ea kokoano, le go e ruantsa ha pele ga Yehova?

18 Bonañ, mari a eona ga a ka a isioa kua teñ ga helo ga boitsepho: lo lo cuanetse go e yela rure mo heloñ ga boitsepho, yaka ki laotse.

19 Mi Arone a raea Moshe, Bona, ba isitse cupelo ea boleo ea bona le cupelo ea bona ea phisho ka yenu ha pele ga Yehova, mi lilo tse rintseñ yalo li ’nkoetse: ha ’nkabo ki yele cupelo ea boleo ka yenu, a e kabo e le molemo mo maitloñ a ga Yehova?

20 Mi erile Moshe a utlua mouo, e le le molemo mo maitloñ a gague.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan