Johane 12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 12. 1 ERIHA gona Yesu o tlañ ka malatsi a sekes pele ga Tlolaganyo go Betania, kua Lasaro o la a le gona, eo o la a shule, eo, o mo cositseñ mo bashuiñ. 2 Hoñ ba mo etleletsa selalelo gona, mi Marate a rihela; mi Lasaro o la a le moñue oa bona ba ba rutseñ nae ha liyoñ. 3 Eriha gona Marie o culañ setlolo sa narido se se thata go rekoa, e le ponda ñue hela, mi a tlotsa linao tsa ga Yesu, mi a phimola linao tsa gague ka moriri oa gague; mi ntlu ea tlala monkho oa setlolo. 4 Eriha gona moñue oa barutoa ba gague, Yuda Isekariota, moroa Simone, eo o la a tla mo oka, o reñ, 5 Ana setlolo se, se le se sa bapalerioeñ ka denari li teri hundereda, mi tsa neoa bahumanegi? 6 Mi yana a bua yalo, esiñ ka gone a bapalela bahumanegi, mi gone e le le legoru, a na le khetse ea lireko, mi a belega tse ri tsencoeñ mo go eona. 7 Eriha gona Yesu o reñ, Mo lese; o buluketse tsatsi ya phitlo ea me seo se. 8 Gone lo na le bahumanegi le lona ka gale; mi ’na ga lo na le ’na ka gale. 9 Eriha gona bontsi yo bogolu yoa Bayuda ba itseñ ha a le gona; mi ba tla esiñ ka ntla ea ga Yesu esi, mi gore ba bone le ena Lasaro, eo o mo cositseñ mo bashuiñ. 10 ¶ Mi baperiseti ba bagolu ba seka gore Lasaro le ena ba molaee; 11 Gone bontsi yoa Bayuda bo le yoa bo ea, ka ntla ea gague, mi yoa rumela mo go Yesu. 12 ¶ Ka mosho, bontsi yoa bathu yo bo le yoa tla mo morihoñ, ka bo utlua ha Yesu a tla Yerusalema, 13 Yoa tsaea likala tsa litlare tsa mokolane, mi yoa coela go mo khatlantsa, mi yoa bitsa, Hosana; Go tsegoharicoe eo o tlañ mo ineñ ya Morena, eo e leñ khosi ea Yeserela. 14 Mi ka Yesu a bona eselana, a lula go eona; yaka go kuariloe, 15 Moroaria Tsiona, U si boihe; bona, Khosi ea gago ee tla, e rutse mo eselaneñ ea esela. 16 Mi lilo tseuo li sa ka tsa tlalogañoa ki barutoa ba gague pele; mi Yesu ka a sina galalerioa, eriha gona ba gakologeloañ ha lilo tseuo li le li kuariloe ga gague, mi le gona ha lilo tse ba li mo rihetse. 17 Ki gona bontsi yo bo le bo na nae, yoa shupa ha a la a bitsa Lasaro mo phupuñ, mi a mo cosa mo bashuiñ. 18 Le gona bontsi yoa mo khatlantsa ka mouo, gone bo utluile ha e le ena eo o rihileñ cupo e. 19 Eriha gona Bafarisai ba ranañ, A ga lo bone ha lo sa kake loa coela pele ka gope? Bonañ, lehatse yeotle le mo setse morago. 20 ¶ Mi yana gabo gole Bagerika bañue mo go bona, ba ba le ba tla go obamela mo morihoñ. 21 Bauo ba tla go Filipo, eo e leñ oa Betesaida oa Galilea, mi ba motsa ba re, Morena, re rata ra bona Yesu. 22 Filipo a tla a bulelela Anderea; mi gape Anderea le Filipo ba bulelela Yesu. 23 ¶ Mi Yesu a ba araba, a re, Oura o tlile, o Moroa mothu o tla galalerioañ ka ona. 24 Amarure, amarure, kia lo raea, Ha tlaka ea mabele e sa oele mo mbuñ ea shua, e na eosi; mi ha e shua, e uñua louñuo lo logolu. 25 Eo o ratañ botselo yoa gague, o tla latlegeloa ki yona; mi eo o ilañ botselo yoa gague mo hatsiñ yenu, o tla bo bulukela botseloñ yo bosinañ bokhutlo. 26 Leha e le mañmañ eo o ratañ go ’ntihela, a a ntsale morago; mi kua ki gona, motlañka oa me le ena o tla na gona; leha e le mañmañ eo o ’ntihelañ, Rra o tla mo tlotla. 27 Mi yana moea oa me oa huruega, mi ki tla reñ? A ki tla re, Rra, ’mpuluka mo oureñ o? mi ki tlile ka ntla ea mouo mo oureñ o. 28 Rra, galaletsa leina ya gago. Eriha gona go tlañ koru e coa mo legorimoñ, ea re, Ki le galaleritse, mi ki tla ba ki le galaletsa. 29 Eriha gona bontsi yo bo emeñ gona, yo bo utluileñ, yoa re, Ki tumo ea maru; ba bañue ba re, Moeñgele o buile nae. 30 Yesu a araba, a re, Koru e, e rihahetse esiñ ka ntla ea me, mi ki ka ntla ea lona. 31 Mi yana go tsekisho ea lehatse yenu; mi yana molaori oa lehatse yenu o tla khoromelerioa kua ntle. 32 Mi ’na, ha ki tla tlatlosioa mo lehatsiñ, ki tla gogela botle go ’na. 33 Mi yana a bua yalo go shupetsa loshu lo o tla lo shuañ. 34 Bontsi yoa mo araba, Re utluile mo molaoñ, ha Kereste a nna ka bosina bokhutlo; mi ua reñ, ka u re, Moroa mothu o cuanetse go tlatlosioa? Moroa mothu eo emañ? 35 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Leseri le sa na le lona ka motla o mokhutsanyane. Tsamaeañ, ka lo sa na le leseri, gore lehihi le si lo cuare; gone eo o tsamaeañ mo hihiñ, ga a itse kua o eañ gona. 36 Ka lo sa na le leseri, rumelañ mo leseriñ, gore lo ne bana ba leseri. Yesu a bua lilo tse, mi a ea a ba icubela. 37 ¶ Mi leha a rihile licupo lintsi ha pele ga bona, leha gontse yalo ba si ka ba rumela mo go ena; 38 Gore lehuku ya ga Yesaye moperofeti le rihahale ye o le buileñ, Yehova, go rumetse mañ thero ea rona? mi cogo ya ga Yehova le bontsicoe mañ? 39 Ki gona ba sa kakeñ ba rumela, ka Yesaye a bile a buile, 40 A hohuharitse maitlo a bona, mi a thatahatsa pelu tsa bona; gore ba si bone ka maitlo, le go tlaloganya ka pelu, le go tlabologa, gore ki ba horise. 41 Yesaye a bua lilo tse ka a bona khalalelo ea gague, mi a bua ga gague. 42 ¶ Leha gontse yalo, bantsi ba balaori le bona ba rumela mo go ena; mi ba si ka ba mo ipobola ka ntla ea Bafarisai, gore e se re khotsa ba khoromelerioa kua ntle ga senagoge; 43 Gone ba rata khalalelo ea bathu, bogolu go khalalelo ea Morimo. 44 ¶ Yesu a bitsa, a re, Ena eo o rumelañ mo go ’na, ga a rumele mo go ’na, e le mo go eo o ’nthomileñ. 45 Mi eo o ’mponañ, o bona eo o ’nthomileñ. 46 Ki tlile leseri mo hatsiñ; gore leha e le mañmañ eo o rumelañ mo go ’na, a si ka a na mo hihiñ. 47 Mi leha e le mañmañ eo o utluañ mahuku a me, mi a sa a rumele, ga ki mo sekise; gone ki sa tle go sekisa lehatse, mi gore ki buluke lehatse. 48 Eo o ’nnyatsañ, le eo o sa tseeñ mahuku a me, o na le moñue eo o mo sekisañ; huku ye ki le buileñ, ki yeona ye le tla mo sekisañ mo tsatsiñ ya bohelo. 49 Gone ga kia ka ka bua ga me; mi Rra eo o ’nthomileñ o la a ’nnaea taolo ea se ki tla se reñ, le ea se ki tla se buañ. 50 Mi kia itse ha taolo ea gague e le botselo yo bo sa khutleñ; mi ki gona se ki se buañ, kia se bua yaka Rra a ’ntheile. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society