Johane 11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 11. 1 MI yana gabo gole monona moñue eo o bobolañ, a birioa Lasaro, oa Betania, motsana oa Marie le mogolue Marate, 2 (Mi yana Marie eo, ki ena eo o la a tlotsa Morena ka setlolo, a phimola nao tsa gague ka moriri oa gague, eo Lasaro khantsarie o bobolañ.) 3 Ki gona bokhantsarie ba romelañ go ena, ba re, Morena, bona, eo u mo ratañ oa bobola. 4 Mi ka Yesu a utlua yalo, a re, Pobolo e, ga si ea loshu, mi ki ea khalalelo ea Morimo; gore Moroa Morimo a galalerioe ka eona. 5 Mi yana, Yesu a rata Marate, le monnaue, le Lasaro. 6 Ki gona erileñ ka a utlua a bobola, a tlola ka malatsi a tu mo heloñ kua o la a le gona. 7 Morago ga mouo, a raea barutoa ba gague, A re be re ee kua Yudea. 8 Barutoa ba mo raea, Rabi, Bayuda ga ba bolo batla go gu khobotletsa, mi a u ba gape u ea gona? 9 Yesu a araba, A ga li lioura li tuelev mo tsatsiñ? Ha moñue leha e le mañmañ a tsamaea mo tsatsiñ, ga a kake a khocoa, gone a bona leseri ya lehatse yenu. 10 Mi leha e le mañmañ eo o tsamaeañ mo bosigoñ oa khocoa, gone leseri le sieo mo go ena. 11 A bua yalo, mi morago ga mouo, a ba raea, Lasaro, tsala ea rona, o robetse; mi kia ea, gore ki mo cose mo thobaloñ. 12 Eriha gona barutoa ba gague ba reñ, Morena, ha a robetse, o tla hola. 13 Mi Yesu o la a bua ga loshu loa gague; mi ba itloma a bua ga thobalo ea tapologo. 14 Eriha gona Yesu o ba raeañ ka thanolo, Lasaro o shule. 15 Mi kia itumela ka ntla ea lona ka ki le ki si gona, gore lo rumele; mi a re eeñ go ena. 16 Eriha gona Tome, eo o birioañ Didimo, o raeañ barutoa balekane ba gague, A le rona re ee, gore re shue nae. 17 Eriha gona Yesu ka a tla, a bona ha yana a la a tlotse malatsi a for mo phupuñ. 18 Mi yana Betania o lo le gauhe le Yerusalema, e kane e le setadia li faevten. 19 Mi bantsi ba Bayuda ba bo ba tlile go Marate le Marie, gore ba ba gomotse mo loshuñ loa khantsari ea bona. 20 Eriha gona Marate ka a sa utlua ha Yesu a tla, a ea go mo khatlantsa; Mi Marie a sala, a rutse mo tluñ. 21 Eriha gona Marate o raeañ Yesu, Morena, u kabo u lu le ha, khantsariake o ko a si ka a shua. 22 Mi le yano kia itse ha cotle tse u tla li lopañ Morimo, Morimo o tla li gu naea. 23 Yesu a mo raea, khantsariu o tla ba a coga. 24 Marate a mo raea, Kia itse ha a tla coga mo cogoñ ea tsatsi ya bohelo. 25 Yesu a mo raea, Ki ’na cogo le botselo; eo o rumelañ mo go ’na, leha a la a shule, o tla tsela. 26 Leha e le mañmañ, eo o tserileñ, a rumela mo go ’na, ga a kitla a shua ka bosina bokhutlo. A ua rumela ye? 27 A mo raea, E Morena; ki rumetse, ha u le Keresete, Moroa Morimo, eo o tla tlañ mo lehatsiñ. 28 Mi ka a sina bua yalo, a ea, a bitsa mogolue Marie ka go sa itsioeñ, a re, Moruti o hale, mi oa gu bitsa. 29 Ka a sa utlua yalo, a tloga a ema ka bonako, mi a ea go ena. 30 Mi yana Yesu o la a e si a tle mo motsaneñ, mi a sale mo heloñ ha Marate o mo katlantsitseñ gona. 31 Eriha gona Bayuda ba ba le ba na nae mo tluñ, ba mo gomotsa, ka ba bona Marie a tloga a ema ka bonako, a coa, ba mo sala morago ba re, O ea kua phupuñ, gore a lele gona. 32 Mi Marie ka a sina hitla kua Yesu o la a le gona, a mona, a oela ha naoñ tsa gague, a mo raea, Morena, u kabo u lu le ha khantsariake o ko a si ka a shua. 33 Mi Yesu ka a mona a lela, le Bayuda le bona ba ba tlileñ nae ba lela, a hegeloa thata mo moeeñ, mi a huruega, 34 Mi a re, Lo mo laritse kae? Ba mo raea, Morena, tla u bone. 35 Yesu a lela. 36 Eriha gona Bayuda ba reñ, Bonañ, o mo rata yañ! 37 Mi bañue ba bona ba re, Monona eo o la a bula maitlo a lihohu, a ga a kabo a rihile, gore le monona eo a si shue? 38 Ki gona Yesu a ba a hegeloañ bogolu, mi a tla ha phupuñ; mi e le le moñobo, mi leincue le aegiloe go ona. 39 Yesu a re, Tlosañ leincue. Marate, khantsaria eo o shuleñ, a mo raea, Morena, yano oa ñkha, gone o shule ka malatsi a for. 40 Yesu a mo raea, A ga kia gu bulelela, ha u rumela, u tla bona khalalelo ea Morimo? 41 Eriha gona ba aegololañ leincue ha moshui o letseñ gona. Mi Yesu a culetsa maitlo a gague gorimo, mi a re, Rra, kia gu itumelela, gone u ’nkutluile; 42 Mi kia itse, u ’nkutlua ka gale; mi ki buile yalo ka ntla ea bontsi yo bo emeñ ha, gore bo rumele ha u ’nthomile. 43 Mi ka a sina bua yalo, a bitsa ka koru e kholu, Lasaro, coa. 44 Mi eo o la a shule, a coa, a hapakiloe liatla le linao, ka liaparo tsa phupu, mi sehatlogo sa gague se hapiloe ka letsela. Yesu a ba raea, Mo gololeñ, mi a a ee. 45 Eriha gona bantsi ba Bayuda ba ba le ba tlile go Marie, ba sina bona se Yesu o se rihileñ, ba rumela mo go ena. 46 Mi bañue ba bona ba ea go Bafarisai, mi ba ba bulelela se Yesu o se rihileñ. 47 ¶ Eriha gona baperiseti ba bagolu, le Bafarisai ba phuthañ tseko, mi ba re, Re tla rihañ? gone mothu eo, o riha licupo li lintsi. 48 Etlare ha re mo leseletsa yalo, ba tla rumela botle mo go ena, mi Baroma ba tla tla ba tlosa helo ha, le morahe oa rona. 49 Mi moñue oa bona, eboñ, Kaiafe, eo a la a le moperiseti eo mogolu mo ñuageñ ouo, a ba raea, Ga lo itse sepe; 50 Le gona ga lo gakologeloe ha e le molemo go rona, gore monona moñue a shuele morahe, gore morahe otle o si latlege. 51 Mi a bua yalo esiñ ena ka esi; mi ka o la a le moperiseti eo mogolu ka ñuaga ouo, a bulelela pele ha Yesu a tla shuela morahe o; 52 Mi esiñ morahe o osi, mi le gona gore a phuthe bana ba Morimo ba ba halaricoeñ. 53 Ki gona ka tsatsi yeuo, ba gokololana, gore ba molaee. 54 Mi ka mouo Yesu a si ka a tlola a tsamaea mo Bayudiñ mo pepeneneñ; mi a coa gona, a ea kua hatsiñ ye le gauhe le gareganaga, kua motseñ o o birioañ Eferaima; mi a na gona le barutoa ba gague. 55 ¶ Mi Tlolaganyo ea Bayuda ea bo e le gauhe; mi bontsi bo coa mo hatsiñ yeuo, go ea kua Yerusalema pele ga Tlolaganyo, gore ba iitsephise. 56 Ki gona ba batlañ Yesu, mi ba rana ka ba eme mo tempeleñ, Lo gopolañ? A lo gopola ha a si kitla a tla mo morihoñ? 57 Mi yana baperiseti ba bagolu le Bafarisai ba bo ba neile taolo, gore, ere ha moñue a itse kua o gona, a go utluatse, gore ba mo cuare. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society