Johane 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 1. 1 LEHUKU le le le mo tsimologoñ, mi Lehuku le le na le Morimo, mi Lehuku e le le Morimo. 2 Ye, le le na le Morimo mo tsimologoñ. 3 Lilo cotle li tsa rihoa ka yeona, mi ga goa rihoa sepe sa tse li rihiloeñ, ha e si ka yeona. 4 Botselo bo le bo le mo go yeona; mi botselo e le le leseri ya bathu. 5 Mi leseri ya phatsima mo hihiñ; mi lehihi le si ka ya le cula. 6 ¶ Gabo gole monona eo o birioañ Yohane, a romiloe ki Morimo. 7 Monona eo, o la a tla go na moshupi, go shupa ga leseri, gore botle ba rumele ka ena. 8 Ena o la a si leseri ye, mi o la a roñoa go shupa ga leseri. 9 Leseri ya amarure, e le le ye, ye le tlañ mo lehatsiñ, le bonesa mothu moñue le moñue. 10 O la a le mo lehatsiñ, mi lehatse le le rihiloe ki ena, mi lehatse ga lea ka ya mo itse. 11 O la a tla go ba gague, mi ba gague ba si ka ba mo cula. 12 Mi botle ba ba le ba mo cula, a ba naea thata go na bana ba Morimo, eboñ go ba ba rumelañ mo ineñ ya gague; 13 Ba ba le ba sa tsaloe ka mari, le esiñ ka thato ea nama, le esiñ ka thato ea mothu, mi e le le ka thato ea Morimo. 14 Mi Lehuku ya rihoa nama, mi ya aga mo go rona, (mi re le ra bona khalalelo ea gague; khalalelo e e cuanañ yaka ea eo o tsecoeñ esi oa Rra,) a tletse tsegohaco le boamarure. 15 ¶ Yohane oa shupa ga gague, mi a bitsa, a re, Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Eo o tlañ morago ga me, o rihegile mogolu go ’na, gone o la a leo ki e si ki ne; 16 Mi rotle re bonye tsegohaco le tsegohaco mo botlaloñ yoa gague. 17 Gone molao o lo oa neoa ka Moshe, mi tsegohaco le boamarure yoa tla ka Yesu Keresete. 18 Ga go ope eo o kileñ a bona Morimo ka motla ope; Moroa eo o tsecoeñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa Rra, ki ena eo o o buletseñ. 19 ¶ Mi e ki eona cupo ea ga Yohane. Erile ka Bayuda ba roma baperiseti le Baleva, ba coa Yerusalema, gore ba motse, U mañ? 20 Mi a ipobola, mi a si ka a itatola, mi a ipobola, a re, Ga ki Keresete. 21 Mi ba motsa ba re, Ana u mañ? A u Eliyahue? Mi a re, Ga ki ena. A ki uena moperofeti eo? Mi a araba, Nya. 22 Eriha gona ba mo raeañ, U mañ? gore re arabe bona ba ba re romileñ. Ua reñ ga gago? 23 A re, Ki na koru ea moñue, e e bitsañ mo gareñganaga, Siamisañ tsela ea ga Yehova, yaka Yesaye moperofeti a kile a bua. 24 Mi ba ba le ba romiloe e le le ba Bafarisai. 25 Mi ba motsa, ba mo raea, U bapetiseletsañ ha u si Keresete, le esiñ Eliyahue, le esiñ moperofeti eo? 26 Yohane a ba araba, a re, Kia bapetisa ka metse; mi moñue o eme ha gare ga lona eo lo sa mo itseñ; 27 Eouo, ki ena eo o tlañ morago ga me, eo o rihegileñ mogolu go ’na, eo, ki sa cuanelañ khole ea tlaku sa gague go e hunulola. 28 Lilo tse tsa rihala mo Betania kua moseya ga Yoridane, kua Yohane o la a bapetisa gona. 29 ¶ Motla o moñue, Yohane a bona Yesu a tla go ena, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo, e e tlosañ boleo yoa lehatse! 30 Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Monona oe tla morago ga me eo o rihegileñ mogolu go ’na, gone a la a leo ki e si ki ne. 31 Mi ga kia ka ka mo itse; ki gona ki tlileñ go bapetisa ka metse, gore a bonarioe go Yeserela. 32 Mi Yohane a shupa, a re, Ki le ka bona Moea o hologa mo legorimoñ yaka lephui, mi oa na go ena. 33 Mi ga kia ka ka mo itse; mi ena eo o ’nthomileñ go bapetisa ka metse, eo o la a ’nthaea, Ena eo, u tla bonañ Moea o hologela go ena, o na go ena, eouo ki ena eo o bapetisañ ka Moea oa Boitsepho. 34 Mi ki le ka bona, mi ka shupa ha eo, e le Moroa Morimo. 35 ¶ Mi ka motla o moñue, Yohane a ba a ema le barutoa ba tu ba gague. 36 Mi a bona Yesu ka a tsamaea, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo! 37 Mi barutoa ba tu ba mo utlua a bua mouo, mi ba sala Yesu morago. 38 Mi ka Yesu a retologa, a ba bona ba sala morago, a ba raea, Lo batlañ? Mi ba mo raea, Rabi, (ki go re mo phetoleloñ, Moruti) u agile kae? 39 A ba raea, Tlañ lo bone. Ba tla ba bona ha o agileñ gona; mi ba tlola nae tsatsi yeuo. Mi e kane e le le oura oa bo‐ten. 40 Anderea monna Simone Petero e le le moñue oa ba tu, ba ba le ba utluile go Yohane, a mo sala morago. 41 Eo, a bona Simone monnaue pele, mi a mo raea, Re bonye Mesia (ki go re, Keresete, mo phetoleloñ). 42 Mi a mo isa go Yesu. Mi ka Yesu a mo leba, a re, U Simone moroa Yone, u tla birioa Kefe, (ki go re, Petero, mo phetoleloñ). 43 ¶ Mi ka tsatsi ye leñue Yesu a rata go ea kua Galilea, mi a bona Filipo, mi a mo raea, ’Ntsala morago. 44 Mi yana Filipo a ba a le oa Betesaida, oa motse oa ga Anderea le Petero. 45 Filipo a bona Natanaele, mi a mo raea. Re bonye eo Moshe o la a kuala ga gague mo molaoñ, le bona baperofeti, eboñ Yesu, moroa Yosefe, oa Nasareta. 46 Mi Natanaele a mo raea, A señue se se molemo, se ka coa mo Nasareta? Filipo a mo raea, Tla u bone. 47 Yesu a bona Natanaele a tla go ena, mi a bua ga gague, Bonañ Moyeserela oa amarure, eo o sinañ tsieco epe! 48 Natanaele a mo raea, U ’nkitse ka eñ? Yesu a araba, a mo raea, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige, pele Filipo a e si a gu bitse. 49 Natanaele a araba a mo raea, Rabi, U Moroa Morimo; u khosi ea Yeserela. 50 Yesu a araba a mo raea, A ua rumela gone ki gu buleletse, ka re, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige? u tla bona lilo tse ri kholu bogolu go tse. 51 Mi a mo raea, Amarure, amarure, kia loa raea, Ga yana lo tla bona legorimo le bulega, le baengele ba Morimo ba tlatloga ba hologela go Moroa mothu. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society