Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 4.

1 LONA bana ba Yeserela, utluañ lehuku ya ga Yehova: gone Yehova o na le se se ganeloañ le banni ba lehatse; ka gone ga go na boamarure le esiñ pelunomi, le esiñ kico ea Morimo mo hatsiñ.

2 Mi ba thobile ka thogako, le kako, le polao, le bogoru, le go gokahala, mi mari a hitlela mari.

3 Ki gona lehatse le tla hutsahalañ, mi moñue le moñue eo o nntseñ go yeona o tla topetega, le tse ri tserileñ tsa naga, le linunyane tsa legorimo; le cona tlapi tsa leoatle li tla tlosioa.

4 Leha gontse yalo a go si ne ope eo o ganelañ, le esiñ go buela ope; gone bathu ba lona ba cuana le ba ba ganelañ le moperiseti.

5 Ki gona lo tla oañ ka motsegare, le ena moperofeti o tla oa le lona ka bosigo, mi ki tla senya ma lona.

6 ¶ Bathu ba me ba sencoe ka go tloka kico: gone lo latlile kico, le lona ki tla lo latla, gore lo si ne baperiseti go ’na; mi ka lo lebetse molao oa Morimo oa lona, le ’na ki tla lebala bana ba lona.

7 Yaka ba intsihetse, ba ’nteohetse yalo: ki tla hetola khalalelo ea bona litloñ.

8 Ba ya cupelo tsa boleo tsa bathu ba me, mi ba tlologeleloa tsiamololo ea bona.

9 Ki gona go tla nañ, yaka bathu bantse, moperiseti le ena antse yalo: mi ki tla ba betsa kaha tseleñ tsa bona, mi ki tla ba khopololela tiho tsa bona.

10 Gone ba tla ya, mi ga ba kitla ba khora: ba tla akahala, mi ga ba kitla ba ntsihala: gone ba khutlile go tlokomela Yehova.

11 ¶ Khokahalo le boyaloa le boyaloa yo bosha li tlosa pelu.

12 Bathu ba me ba lopa logoñ loa bona khakololo, mi tsamma ea bona ea ba shupetsa: gone moea oa akahalo o ba timetsa, mi ba akahetse go coa Morimoñ oa bona.

13 Ba tlabela ha tloreñ tsa lithaba, mi ba hisa ensense mo lithabaneñ; le kua tlatse ga mooka, le mopopelere, le moterebenta, gone moroti oa cona o molemo: ki gona bomoroaria lona ba akahalañ, le banyaroi ba lona ba khokahalo.

14 Ga ’nkitla ki betsa bomoroaria lona mogañ ba akahalañ, le banyaroi ba lona ha ba akahala: gone ba ito-molela le liaka ka bosi, ba tlabela le lipepe: ki gona bathu ba ba sa tlaloganyeñ ba tla rigeloa.

15 ¶ Leha lona Bayeserela lo gokahala, a Bayuda ba si latuharioe; mi lo si ee Gilegala, le esiñ go ea Beta‐avena, mi lo si ikane, lo re, Go tsela Yehova.

16 Gone Bayeserela ba kata ka morago yaka moroba o o katañ: yana Yehova o tla ba hurisa yaka kuana mo heloñ ga katlamo.

17 Baeferaima ba ñaparetse licuanco tsa merimo: ba lese.

18 Boitlapelo yoa bona bo sina uerioa, ba hela ba akahala: thebe tsa bona li khatloa ki litloñ.

19 Pheho e ba bohile mo phukeñ tsa eona, mi ba tla tlabisioa litloñ ki tlabelo tsa bona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan