Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 RAEAÑ bana ba rra enu, lo re, Ba-thubame; le bokhantsaria lona, Utlueloabotlukue.

2 Ganelañ le ma lona, lo ganele: gone e si mosari oa me, le gona ga ki monona oa gague: mi a a tlose maakahalo a gague go ena, le maakahalo a gague gare ga mabele a gague;

3 Gore ki si mo apole, ki maea yaka tsatsi ye o tsecoeñ ka yeona, le go mo riha yaka bogareganaga, le go maea yaka hatse ya lokhere, le go molaea ka lenyora.

4 Mi ga ’nkitla ki utluela bana ba gague botluku: gone e le bana ba maakahalo.

5 Gone mabo a akahetse: ena eo o ba ithueleñ a tlabisa litloñ: gone a re, Ki tla latela barati ba me, ba ba ’nnaeañ liyo tsa me, le metse a me, le boboea yoa me yoa ñku, le felase ea me, le loukuane loa me, le boyaloa yoa me.

6 Ki gona, bona, ki tla tsiba tsela ea gago ka metlua; mi ki tla aga lorako, gore a si bone tselana tsa gague.

7 Mi o tla khonatelela barati ba gague, mi ga a kitla a ba hitlela; mi o tla ba batla, mi ga a kitla a ba bona: ereha gona o tla reñ, Ki tla boela go mononeñ oa me oa ntla; gone e le le molemo go ’na bogolu go yana.

8 ¶ Gone a si ka a itse ha e le ’na eo ki mo netseñ mabele, le boyaloa yo bosha, le loukuane, le selevera, le gouda, tse ki li mo intsihaleritseñ, tse ba rihetseñ Baale licuanco ka cona.

9 Ki gona ki tla bañ ki tlosa mabele a me mo bakeñ loa aona, le boyaloa yoa me yo bosha mo motleñ oa yona; mi ki tla cula boboea yoa me yoa ñku, le felase ea me, tse ri tsa neoa go apesa ikatego ea gague ka cona.

10 Mi yana ki tla bipolola boma-shue yoa gague ha pele ga barati ba gague; mi go si ope eo o tla mo gololañ mo atleñ sa me.

11 Mi ki tla khutlisa boitumelo yoa gague yotle, le meletlo ea gague, le khueri tse linca tsa gague, le lisa bata tsa gague, le liphuthego tsa gague tse ri laocoeñ cotle.

12 Mi ki tla senya movina oa gague le mofeige oa gague, e o reñ ga eona, Euo ki tuelo e barati ba me ba e ’nneileñ: mi ki tla e riha sekhua, mi tse ri tserileñ tsa naga li tla e nyeletsa.

13 Mi ki tla bushulosetsa go ena metla ea Bobaala, ba o ba hiseritseñ ensense ka eona, a ikhabisa ka manyena a gague, le keten ea thamo ea gague, a latela barati ba gague, mi a ’ntebala, go bua Yehova.

14 ¶ Leha gontse yalo, bonañ, ki tla mo hepa, mi ki tla mo isa kua bogareñganaga, mi ki tla bua le ena ka kobishopelu.

15 Mi ki tla mo naea masimo a mevina a gague a a coañ gona, le mogorogoro oa Akora go na moyako oa culuhelo: mi o tla opela gona yaka mo malatsiñ a bokau yoa gague, yaka tsatsi ye ka a coa mo hatsiñ ya Egepeto.

16 Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, go bua Yehova, ha u tla ’mpitsa, Mo-nonaoame; le esiñ go tlola go ’mpitsa, Muñoake.

17 Gone ki tlosa maina a Beñ mo molomoñ oa gague: mi ga ba kitla ba tlola ba gakologeloa ka maina a bona.

18 Mi ki tla ba rihela kholagano mo tsatsiñ yeuo le cona tse ri tserileñ tsa naga, le linunyane tsa legorimo, le tse ri gagabañ tsa mbu: mi ki tla roba bora, le caka, le tlabano mo lehatsiñ; mi ki tla ba latsa ka thagamo.

19 Mi ki tla lo ipeelela ka bosakhutleñ; E, ki tla lo ipeelela ka tsiamo le tsiamisho, le ka pelunomi, le ka mautluelo botluku.

20 E, ki tla lo ipeelela ka boamarure: mi lo tla itse Yehova.

21 ¶ Mi go tla rihala ki tla araba mo tsatsiñ yeuo, go bua Yehova, ki tla araba magorimo, mi a tla araba lehatse.

22 Mi lehatse le tla araba mabele le boyaloa yo bosha, le loukuane; mi tseuo li tla araba Yisereela.

23 Mi ki tla mo iyalela mo hatsiñ; mi ki tla mo utluela botluku eo o sa utlueloeñ botluku; mi ki tla ba raea ba e le esiñ bathu ba me, Lo bathu ba me: mi ba tla re, Morimo oa rona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan