Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 11.

1 ERILE Bayeserela ba sa le yaka lekau ka ba rata, mi ka bitsa moroake go coa Egepeto.

2 Yaka ba le ba ba bitsa, ba ea ba coa ha pele ga bona: ba le ba tlabela Bobaala, mi ba hisetsa licuanco tse ri setiloeñ ensense.

3 Leha ki le ka ruta Baeferaima go tsamaea, ka ba culetsa ka mabogo a bona; leha gontse yalo ba si ka ba itse ha ki ba horisitse.

4 Ka ba goga ka linti tsa mothu, le ka likhole tsa lorato: mi ki le ka na go bona yaka moñue eo o tlosañ yokoe mo thamoñ tsa bona, mi ka baea liyo ha pele ga bona.

5 ¶ Ga ba kitla ba boela kua Egepetoñ, mi Asiria o tla na khosi ea bona, gone ba gana go boea.

6 Mi caka e tla na mo metseñ ea bona, mi e tla nyeletsa mephakalego ea bona, e e ’mmetsa ka togo mano tsa bona.

7 Gone bathu ba me ba ikaelela go tenega go ’na: mi leha ba ba biletsa go Mogorimorimo, ga go ope oa bona eo o tla mo gorisañ.

8 ¶ Lona Baeferaima, ki tla lo nelela yañ? lona Bayeserela ki tla lo nelela yañ? Ki tla lo rihelañ yaka Adema? ki tla lo rihelañ yaka Tsiboima? pelu ea me e hetogile go ’na; maikutluelo‐botluku aotle a me a tuka mogo.

9 Ga ’nkitla ki rihatsa bogale yo bo hisañ yoa me, ga ’nkitla ki tlola ki senya Baeferaima: gone ki Morimo, mi esiñ mothu: ki Moitsephi mo go lona: mi ga ’nkitla ki tla ka yayarego.

10 Ba tla latela Yehova mogañ o rumañ, yaka tau: mogañ o tla rumañ, ereha gona bana ba tla akohañ ba coa mo leoatleñ.

11 Ba tla akoha yaka nunyane go coa Egepeto, yaka letseba go coa mo hatsiñ ya Asiria: mi ki tla ba nnisa mo matluñ a bona, go bua Yehova.

12 Baeferaima ba ’ntikanyeritse ka kako, le ba ntlu ea Yeserela ka tsieco: mi kaga Bayuda ga ba tlomame mo Morimoñ, eboñ baitsephi ba boikaño.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan