Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 50 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 50.

1 MI Yosefe a oela hatlogoñ sa ga rague, mi a lelela go ena, mi a mo atla.

2 Mi Yosefe a laola liñaka, batlañka ba gague, gore ba balamise rague. Mi liñaka tsa balamisa Yeserele.

3 Mi malatsi a forte a mo rihahalela; gone malatsi a ba ba balamisioañ a rihahala yalo: mi Baegepeto ba mo lelela ka malatsi a sevente.

4 ¶ Mi ka malatsi a telelo ea gague a sina heta, Yosefe a bua le ba eintlu ea ga Faroe, a re, A ereka ki bonye botsalano maitloñ a lona, a ko lo bue mo tsebeñ tsa ga Faroe, lo re,

5 Rre o la a inkanisa, a re, Bona, kia shua: u ’mphitle mo lecueñ ya me ye ki le ka le ipetsa mo hatsiñ ya Kanana. Ki gona yana a ko u ’mme ki ee, gore ki hitle rre, mi ki tla ba ki tla.

6 Mi Faroe a re, Ea, u hitle rago, yaka a la a gu ikanisa.

7 Mi Yosefe a ea go hitla rague: mi batlañka botle ba ga Faroe, le bagolu ba eintlu ea gague, le bagolu botle ba hatsi ya Egepeto ba ea nae;

8 Le ba eintlu botle ba ga Yosefe, le bomoroa rague le ba eintlu ea ga rague: mi banyana botle ba bona, le macomane a bona, le matlape a bona, ba a tlogela mo hatsiñ ya Goshena.

9 Mi ga ea nae licariota, le bapalami lipitse: mi eabo e le leshomo ye legolu segolu.

10 Mi ba hitla ha sebupiñ sa ga Atada, se se leñ moseya oa Yoredane. Mi ba hutsahalela, ba thela leshoa ya khutsahalo gona: mi a rihela rague selelelo ka malatsi a seven.

11 Mi eare Bakanana, banni ba lehatsi ye ba bona khutsahalelo ha sebupiñ sa ga Atada ba re, Selelelo se se thata se sa Baegepeto: ki gona leina ya shona le birioañ Abele‐Mitseraima, eo o leñ moseya oa Yoredane.

12 Mi bomoroaue ba mo rihela yaka a la a ba laolela:

13 Gone bomoroaue ba melesetsa kua hatsiñ ya Kanana, mi ba mo hitla mo moñoboñ oa leota ya Makepela, o Aberahame o la a o reka le leota go Eferone Mohita, ha pele ga Mamera, go na boshua yoa phitlelo.

14 ¶ Mi eare Yosefe a sina hitla rague, a boela Egepeto, ena le bomoroa rague, le bona botle ba ba le ba ea nae, go ea go hitla rague.

15 ¶ Mi eare bomoroa rague Yosefe ba bona ha rabo a shule, ba re, Etlare khotsa Yosefe a re ile, mi a re khopololela rure boshula yotle yo re bo mo rihetseñ.

16 Mi ba romela ka taeco go Yosefe, ba re, Rago o la a laola a e si a shue, a re,

17 Lo ree Yosefe, lo re, Kia gu rapela yana, icuarele tlolo ea bomoroa rago, le boleo yoa bona: gone ba gu rihetse boshula: mi yana rea gu rapela, icuarele tlolo ea batlañka ba Morimo oa ga rago. Mi eare ba bua nae, Yosefe a lela.

18 Mi bomoroa rague le bona ba tla ba oela ha pele ga gague: mi ba re, Bona, re batlañka ba gago.

19 Mi Yosefe a ba raea, Lo si boihe: gone a ki mo boemoñ yoa Morimo?

20 Lona, lo loa gopola boshula kaga me; mi Morimo o lo oa se gopola e le molemo, gore o rihahatse, yaka gontse ka yenu, go tserisa bathu ba le bantsi.

21 Ki gona yana si boiheñ: ki tla lo otla, le banyana ba lona. Mi a ba gomotsa yalo, mi a ba khobisa pelu.

22 ¶ Mi Yosefe a nna mo Egepeto, ena, le ba eintlu ea ga rague: mi Yosefe a tsela nyaga li hundereda le ten.

23 Mi Yosefe a bona bana ba ga Eferaime ba kokomana ea bo‐teri: le bana ba ga Makere moroa Manase ba haroa mo mañoleñ a ga Yosefe.

24 Mi Yosefe a raea bomoroa rague, Kia shua: mi Morimo o tla lo lekolela rure, o lo entsa mo hatsiñ ye, go lo isa mo hatsiñ ye o lo oa le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe.

25 Mi Yosefe a ikanisa bana ba Yeserele, a re, Amarure Morimo o tla lo lekola, mi lo belege marapo a me, lo a entse monu.

26 Mi Yosefe a shua a le nyaga li hundereda le ten: mi ba malamisa, mi a tseñoa mo letluleñ mo Egepeto.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan