Genese 49 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 49. 1 MI Yakobe a bitsa bomoroaue, mi a re, Phuthegañ, mi ki lo bulelele se se tla lo hitlelañ mo metleñ ea bohelo. 2 Phuthegañ lo utlue, lona bomoroa Yakobe; mi retsañ Yeserele ra lona. 3 ¶ Rubene, u oa burure oa me, thata ea me, le tsimologo ea nonoho ea me, u khaisho mo khorishoñ, le khaisho mo bonatleñ: 4 Ka go sesela yaka metse, ga u kitla u gaisa; gone u tlatlogetse bolaoñ yoa ga rago; eareha gona u lu ua bo itsekolola: a tlatlogela bolaoñ yoa me. 5 ¶ Simeone le Leve ki bana ba monona; caka tsa bona ki libolao tsa bolalome. 6 Moea oa me, ga ua ka ua tsena bosaitsioeñ yoa bona; tlotlo ea me, ga ea kopana le phuthego ea bona: gone ba le ba bolaea monona ka bogale yoa bona, mi ba khaola khosana ka omu. 7 Go rogoa bogale yoa bona, gone e le le bolalome; le yayarego ea bona gone e le le thata: ki tla ba khaogau-ya mo go Yakobe, ki tla ba halatsa @o go Boyeserela. 8 ¶ Yude, ki uena eo bomoroa rago ba tla gu bakañ: atla sa gago se tla na thamoñ ea baba ba gago; bana ba ga rago ba tla ikobela ha pele ga gago. 9 Yude ki tauana: moroaka, u boile thopoñ: a ikukuna, a itelega yaka tau, le tau e e gorileñ; e mañ eo o tla mo cosañ? 10 Sepetere ga se kitla se tloga Yude, le monei molao mo baneñ ba gague, go tsamaea Shilo a tla; mi merahe e tla mo akela. 11 O golegela eselana ea gague mo movineñ, le eselana ea esela ea gague mo movineñ o o itseñkecoeñ; o tla tlacua aparo tsa gague me boyaloeñ yoa movine, le kobo ea gague mo mariñ a louñuo loa movine. 12 Maitlo a gague a tla hubela ka boyaloa yoa movine, le meno a gague a tla shueuhala ka mashi. 13 ¶ Sebulone o tla nna ha intsiñ ea leoatle; mi o tla na segoro sa lishepa: mi moleloane oa gague o tla na kua go Tsidona. 14 ¶ Yisakare ki esela e e thata, e e bothañ gare ga mebelego e tu: 15 A bona tapologo ha e le le molemo, le lehatsi ha e le le monate; mi a ikobela melego leruri ya gague, a na tiheloñ ea lekhetho. 16 ¶ Dane o tla atlola mo bathuñ ba gague yaka loco loñue loa Boyeserela. 17 Dane o tla na noga ha tseleñ, le noga ea potsane mo tselaneñ, e e lomañ matlare a pitse, mi mopalami oa eona a oela ka morago. 18 Yehova, ki lebelela puluko ea gago. 19 ¶ Gade, entua e tla mo tlasela: mi o tla ba tlasela mo boheloñ. 20 ¶ Kaga Ashere, liyo tsa gague li tla na mahura, mi o tla uñua tse ri natehañ tsa likhosi. 21 ¶ Nafetale ki setlare sa moterebenta, se se tlogañ likala tse liiñtle. 22 Yosefe ki kala e e uñuañ, kala e e uñuañ ha mocoeriñ: likala li golela lorako: 23 Ba le ba mogisa, ba ganela nae; bahuri ba mecui ba le ba mo ila: 24 Mi bora yoa gague yoa na le thata, mi mabogo a liatla tsa gague a thataharioa ka atla tsa Mothati oa ga Yakobe; mi ga coa mouo Morisi, Lehika ya Yeserele: 25 Ka Morimo oa ga rago, o o gu thusitseñ; le ka Mothatietle, eo o gu tsegaharitseñ, ka matsego a magorimo kua gorimo, le matsego a boteñ yo bo kua tlatse, le matsego a mabele, le a sepopelo. 26 Matsego a ga rago a gaisitse matsego a lithaba tse ri sinañ bokhutlo, le lilo tse ri eletsegañ tsa lithabana tse ri sa khutleñ. Tseuo li tla na tlogoñ ea ga Yosefe, le mo phugoñ ea gague eo o la khaogañoa le bomoroa rague. 27 ¶ Benyamine ki phiri e e gagolañ: o tla metsa khapo mo moshoñ, mi o tla khaoganya thopo ka matsiboea. 28 Bauo botle, ki lico li tueleve tsa Yeserele: mi seuo ki shona se rabo a se bua le bona, ka a ba tsegahatsa; a tsegahatsa moñue le moñue oa bona kaha letsegoñ ya gague. 29 ¶ Mi a ba laola, mi a ba raea, Ki tla phutheloa bathuñ ba me: lo ’mphitlele ha go bo‐rra eco mo moñoboñ o o mo leoteñ ya ga Eferone Mohita, 30 Mo moñoboñ o o mo leoteñ ya Makepela, o o ha go lebagana le Mamera mo hatsiñ ya Kanana, o Aberahame o la a o reka le yeona leota ya ga Eferone Mohita, go na boshua yoa helo ga phitlo. 31 Hoñ ba le ba hitla Aberahame le Sarahe mosari oa gague gona; le Yitsake le Rebeke mosari oa gague ba le ba ba hitla gona; mi ka hitla Lie gona. 32 Leota le moñobo o o mo go yeona le ya rekoa mo baneñ ba ga Heta. 33 Mi Yakobe a sina khutla go laola bomoroaue, a menolela nao tsa gague mo bolaoñ, mi a shua, mi a phutheloa bathuñ ba gague. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society